BUKANA E E TLHALOSANG KA GA MOLAWANA WA MAITSHOLO WA TIRELOPUSO
BUKANA YA TLHALOSA KA GA MEKGWA YA DITLALELO MO
LEFELONG LA TIRO
E PHASALADIWA KE: KHOMISHENE YA TIRELOPUSO
MEKGWA YA BOITSHWARO LE MAITLHOMO A MAIKAELELO
DINTLHA TSA BOTLHOKWA DI LE LESOME TSA TIRELOPUSO MO AFORIKA BORWA
Molaotheo wa Aforika Borwa (Kgaolo ya bo 10) o tlhoka gore Tirelopuso e ...
Tsamaisiwe ka mekgwa ya boleng jwa demokerasi le maitlhomo a molaotheo;
tshegetse le go rotloediwa ke maemo a boleng jwa mekgwa ya seporofeshenale;
go rotloetsa bokgoni, merero ya ikonomi le go dirisa metswedi mo go mosola ka botlalo;
nne le kakanyo ya tlhabololo;
abe ditirelo kwa ntle ga go tsaya letlhakore, ka tolamo, ka go lekalekana le kwa ntle ga go lomeletsa matlhakore a mangwe;
tsibogele ditlhokego tsa baagi le go rotloetsa setšhaba go nna le seabe mo mererong ya maitlhomo a maikaelelo;
rwale boikarabelo jwa dikgato tse bo di tsayang;
direle dilo mo pepeneneng ka go abela setšhaba mekgwa ya go fitlhelela tshedimosetso ka nepagalo le ka nako;
tsamaise botsamaisi jo bo lolameng jwa metswedi ya merero ya badiri le go tlhabolola bokgoni jwa isagwe jwa badiri gore ba solege mosola ka botlalo;
ka kakaretso bo emele baagi ba Aforika Borwa, ka go tlhola ditiro le botsamaisi jo bo lolameng jwa badiri jo bo ikaegileng mo dikgonong tsa batho, go ikakanyetsa sentle ka botlalo, ka tolamo, le botlhokwa jwa go siamisa merero e e neng e sa lolama mo nakong e e fetileng.
DITENG
KETAPELE ...
GO AKGOLA BA BA NTSENG LE SEABE...
BUKANA E E TLHALOSANG KA GA MOLAWANA WA MAITSHOLO WA TIRELOPUSO...
Matseno ...
Katiso...
Boikarabelo jwa mothapi le mothapiwa...
DIKGAKOLOLO KA GA DITSHIAMELO TSA MOLAWANA WA MAITSHOLO A TIRELOPUSO...
Kgolagano le Kgotlatheomolao le Khuduthamaga ...
Kgolagano le setšhaba...
Dikgolagano magareng ga bathapiwa...
Mokgwa wa go dira tiro...
Maitsholo a modiredi ka sebele le dikgatlhegelo tsa gagwe tsa poraevete ...
MOLAWANA WA MAITSHOLO WA TIRELOPUSO (MAMETLELELO YA A)...
KETAPELE
Khomishene ya Tirelopuso e laetswe go ya ka mabaka a Molaotheo, wa 1996, go rotloetsa le go tshegetsa maemo a boleng jo bo kwa godimo jwa seporofeshenale mo makaleng otlhe a tirelopuso. Mo ngwageng wa 1997 Molwana wa Maitsholo wa Tirelopuso o ne wa tlhamiwa wa be wa rotloediwa ka ditherisano mo dikopanong le Badiredipuso mo makaleng a bosetšhaba le a diporofense. Go ne gape go le botlhokwa go tlhabolola bukana ya tshedimosetso ka ga Molawana wa Maitsholo go rotloetsa go tlhaloganngwa botoka ga ditlamorago tsa ona le ka fa o tla diragadiwang ka teng.
Mo boemong jwa Khomishene ya Tirelopuso, ke tlotlilwe go abelwa tetla ya go abela badiredipuso botlhe ba ba thapilweng mo Tirelongpuso ya Aforika Borwa, Bukana e e Tlhalosang ka ga Molawana wa Maitsholo wa mo tirong ya Tirelopuso. Moolwana wa Maitsholo ke motheo o o botlhokwa mo go tlhomeng mekgwa ya puso e e lolameng le mekgwa ya boitshwaro jwa Badiredipuso. E tlhotlheletsa gape le merero e e tshwanang le go tlotla ditshwanelo tsa botho, taolo ya molao, boikarabelo, puso go direla dilo mo pepeneneng, boitshwaro jwa motho ka sebele le dikgatlhegelo tsa motho ka nosi.
Khomishene ya Tirelopuso e ikuela mo badiredingpuso botlhe, go tswa mo go ba ba mo maemong a a kwa tlase go fitlhelela kwa go ba ba mo maemong a a kwa godimo, go supa go tlhaloganya ga bona ga tsamaiso, tsela e e salwang morago le ditaelo tse di akareditsweng mo Molawanang wa Maitsholo. Kgato e, ga se e e kgonagalang fela, mme ke e e tshwanetseng gore mokgwa o o bokgoni wa go aba ditirelo o fitlhelele setšhaba sa rona. Go botlhokwa gape gore Badiredipuso ka semolao ba kgaphele thoko le go gana, go ikakatlela ka botlalo go gana tse ba ka di abelwang e le dimpho ka di ka tsewa gore ke mejabetso ya ka fa tlase ga tafole ya go rekwa go abela baagi ditirelo.
Re rata go akgola batsamaisi le Badiredipuso ba ba ithaopileng go rotloetsa Molawana wa Maitsholo wa Tirelopuso. Ke le rotloetsa go tshegetsa tiro e e manontlhotlho e, le gore le se ke la ineela ka gope mo kgwetlhong ya go rotloetsa mekgwa ya boitshwaro jwa seporofeshenale mo tirong ya Tirelopuso.
Khomishene ya Tirelopuso e solofela gore bukana e ya tlhaloso e tla nna mosola mo go rotloetseng boikanyego le seriti mo lefelong la tiro le go rotloetsa matsapa a a tletseng ka botlalo go tswa mo go rona rotlhe, go nna le mokgwa wa go se dumelele sepe fela sa go rekwa le bonweenwee mo Aforika Borwa.
Kwa bokhutlong, ke rata go rotloetsa badiredipuso botlhe go netefatsa gore mekgwa ya boitshwaro jwa bona e nna karolo ya motheo wa boleng le maemo a a laolang tsamaiso ya merero ya setšhaba le gore ba itse ka botlalo diteng tsa Bukana e ya Tlhaloso ya Molawana wa Maitsholo.
DITEBOGO
Tiro ya go tlhama Bukana e ya Tlhaloso ka ga Molawana wa Maitsholo wa Tirelopuso e ne e ka se nne teng kwa ntle ga boineelo le kemonokeng ya batho le mekgatlho e le mmalwa e e tshwanetseng go umakiwa le go lebogiwa:
Mafapha a Bosetšhaba le a Diporofense a eme tlhabololo ya Bukana e ya Tlhaloso nokeng mme e bile a ntse le ditshwaelo tse di botlhokwa gore e ka tokafadiwa go ya pele;
Ofisi ya Leitlho la Merero ya Setšhaba e ntse le seabe se segolo mo tlhabololong ya bukana e ka ditshwaelo tse di botlhokwa thata;
Mekgatlho ya Merero ya Badiri e ntse le seabe mo dikopanong tsa ditherisano di le mmalwa mme ya nna le ditshikhinyo tse di botlhokwa;
Badiredi ba Ofisi ya Khomishene ya Tirelopuso ba thusitse ka dipatlisiso le go konosetsa go tlhama bukana e.
Kwa bokhutlong, re leboga Lefapha la Brithani la Tlhabololo ya Boditšhabatšhaba ka go aba matlole a go gatisiwa ga Bukana e ya Tlhaloso ka ga Molawana wa Maitsholo wa Tirelopuso.
BUKANA E E TLHALOSANG KA GA MOLAWANA WA MAITSHOLO WA TIRELOPUSO
MATSENO
Maikaelelo a bukana e ke go tlhaloso diteng tsa Molawana wa Maitsholo ka botlalo. Mareo a a dirisitsweng mo molawaneng a semmuso a ne a tlhoka bopelo kgale, botswerere le manontlhotlho le mareo a semmuso. Bukana e e ikaeletswe gore Molawana wa Maitsholo o tlhaloganngwe ke badiredipuso botlhe.
Bukana e ga e ya tsenya dikakanyo dipe tse dintshwa mme e dirisitse tlhamo le dinomoro tse di tlhagelelang mo Molawana wa Maitsholo, gore di tshwantshanngwe bonolo. Mafapha a gakololwa gore fa a dirisa bukana e, a leke ka bojotlhe go dirisa dikai tsa ona ka nosi, tse di tsamaelanang le maemo a ona a a kgethegileng.
Go tshwanetse go gatelelwa gore go tlhamiwa ga bukana e, e ntse tiro e e manontlhotlho le botswerere mme go ka tlhokega gore e sekasekwe gape nako le nako, go tshwana le Molawana wa Maitsholo ka nosi.
KATISO
Gore go rotloediwe maemo a a kwa godimo a mokgwa wa boitshwaro jwa seporofeshenale mo lefelong la tiro, badiredipuso ba tshwanetse go rotloediwa go akanya le go itshwara ka mokgwa o o tshwanetseng. Ka go rialo bukana e, e tshwanetse go nna mosupa tsela mo go tlhabololeng le go aba dikhoso tsa katiso ya nako le nako ya bathapiwa botlhe. Bukana e, e akaretsa gape le dikai di le dintsi tse di supang mekgwa e e farologaneng mo lefelong la tiro e e ka dirisiwang go katisa le go lemoga maemo a mangwe.
Ka e tsamaelana le Molawana wa Maitsholo, bukana e e ka thusa go rotloetsa boipelo jwa seriti le go se tseye letlhakore lepe ga Tirelopuso ka go aba ditlhokego tsa botlhokwa mabapi le boitshwaro jo bo eletsegang le sekai sa boitshwaro jo bo siameng.
BOIKARABELO JWA MOTHAPI LE MOTHAPIWA
Lebaka la gore batho ba ithuta ka go ela dilo tlhoko le maitemogelo ke ntlha e e amogetsweng. Ka jalo go beilwe boikarabelo jo bogolo mo mothaping (Tona le Bakhuduthamaga ba Diporosefense) mo lekaleng la sepolotiki, le batsamaisi ba Tirelopuso mo makaleng otlhe, go tlhoma maemo a a eletsegang a boleng jwa boitshwaro le go tlhamiwa ga dikai tsa boitshwaro jwa bathapiwa botlhe.
Karolo ya bo 195 (a) ya Molaotheo e laela gore "maemo a a kwa godimo a seporofeshenale a tshwanetse go rotloediwa le go tshegediwa" ka kakaretso mo tsamaisong ya merero ya puso. Go ya ka mabaka a tumallano e e kopanetsweng (ya Tumallano ya bo 2 ya Khansele ya Dikgolagano tsa go Dumallana Mmogo ya Tirelopuso), bathapiwa botlhe mo Tirelongpuso ba rwele boikarabelo jwa go tsamaelana le Molawana o o laetsweng wa Maitsholo. Ka se e le motheo wa go akanyetsa kwa pele, go siamisa maemo mmogo le go tsaya dikgato tsa go kgalemela badiredi, mothapi o tshwanetse go dira tsotlhe tse di kgonagalang go netefatsa gore badiri botlhe ba itse diteng tsa Molawana wa Maitsholo.
Go botlhokwa go gatelela gore motheo wa maikaelelo a Molawana wa Maitsholo ke a a siameng, a go rotloetsa sekai sa boitshwaro jo bo siameng. Kwa ntle ga lebaka le le umakilweng fa godimo, modiredi o ka otlhaelwa mokgwa o o sa siamang go ya ka mabaka a Molao o o umakilweng fa godimo, mme a kgalemiwa go ya ka mabaka a dikarolo tsa bo 18 go fitlhela go ya bo 27 tse di mametleletsweng mo Molaotlhomong o o Mametleletsweng tsa Molao wa Tirelopuso, wa 1997, fa a tlola ditshiamelo dingwe le dingwe tsa Molawana wa Maitsholo.
DIKGAKOLOLO KA GA DITSHIAMELO TSA MOLAWANA WA MAITSHOLO WA TIRELOPUSO
KGOLAGANO LE KGOTLATHEOMOLAO LE KHUDUTHAMAGA
Mothapiwa o boikanyo mo Rephaboliking e bile o tlotla le go obamela Molaotheo fa a dira tiro ya gagwe ya letsatsi le letsatsi
Go umaka "Rephaboliki" ka kakaretso go tshwanetse go tlhaloganngwa gore go lebisitswe mo "lefatsheng le" - le e leng Aforika Borwa. Ditlhokego tsa botlhokwa ke gore badiredipuso botlhe ba tshwanetse go nna boikanyego le go tlotla lefatshe la bona.
Molaotheo o tlhalosa mabaka a a totobetseng a a tsamaelanang le ditshwanelo le dikgatlhegelo tsa baagi botlhe. Temana e ya Molawana wa Maitsholo, mo lebakeng la ntlha, e gatelela boikanyego jwa badiredipuso mo thulaganyong ya demokerasi e e renang. Lwabobedi, botlhokwa jwa maemo a a kwa godimo a Molaotheo bo tshwanetse go amogelwa le go tlotliwa ke batho botlhe. Lwaboraro, modiredipuso mongwe le mongwe o tshwanetse go tlhaloganya diteng le maikaelelo a Molaotheo go nna mokgwa wa go tshegetsa le go laola maemo a a renang.
Sekai sa bo 1: Badiredipuso ba mo makaleng otlhe ba tshwaragane ka mokgwa mongwe le go tlhama ditshikhinyo mabapi le maitlhomo a maikaelelo. Ditshikhinyo dingwe le dingwe tsa mofuta o di tshwanetse go sekasekiwa ka kelotlhoko go netefatsa gore di ka se nne le kgotlang epe kgatlhanong le moono le /kgotsa mabaka a a totobetseng a Molaotheo. Maitlhomo a Molaotheo a a tshwanang le go nna le seabe ga setšhaba le go direla dilo mo pepeneneng ka go aba ditirelo le ona a tshwanetse go latelwa ka fa go kgonagalang ka teng fa go tlhamiwa pholesi.
Sekai sa bo 2: Karolo ya bo 33 ya Molaotheo e dira ditshiamelo tsa gore mongwe le mongwe yo ditshwanelo tsa gagwe di amegileng thata ka ntlha ya dikgato tsa tsamaiso o na le tshwanelo ya go fiwa mabaka a a kwadilweng. Se se tlhalosa gore, go obamela Molaotheo, modiredi puso mongwe le mongwe o tshwanetse go netefatsa gore ditshweetso tse di tsewang ka mabaka a tsamaiso le dikgato tse di dirwang di theilwe mo mabakeng a a utlwalang, le gore mabaka ao a fiwe mongwe le mongwe yo o amegileng. Ka kakaretso, se se tlhalosa gore dikgato tsa tsamaiso di tshwanetse go itumedisa diteko tsa go direla dilo mo pepeneneng.
Mothapiwa o tshwanetse go tsaya botlhokwa jwa dikgatlhegelo tsa setšhaba fa a dira tiro ya gagwe
Motlhala o, o kaya gore fa go tsewa ditshweetso kgotsa kakanyo, go tshwanetse ga elwatlhoko dikgatlhegelo tsa setšhaba pele. Dikgatlhegelo tsa modiredipuso kgotsa dikgatlhegelo dingwe le dingwe tsa makala mangwe di tshwanetse go bewa morago ga dikgatlhegelo tsa setšhaba.
Sekai sa bo 1: Modiredi wa kwa bookelong o tlamiwa ke konteraka ya tiro ya gagwe gore o tshwanetse go simolola tiro ka 08:00 go fitlhela ka 16:30. Ga go thulaganyo epe e e dirilweng ya go mo duela go dira diura tsa morago ga tiro. Ledimo la matlakadibe le padimotse bookelo mme la tima maatla a motlakase e bile diphaposi tsa karo di dira ka maatla a motlakase o o fetlhiwang ka motshini. Motshini o o fetlhang motlakase le ona o na e mathata mme modiredi o laelwa gore a thuse go rarabolola bothata jwa motshini o o ka ura ya bo 16:00. Go tla solofelwa gore modiredi a konosetse tiro ya go baakanya motshini oo le fa tota a tshwanetse go dira morago ga diura tsa konteraka ya gagwe ya tiro.
Sekai sa bo 2: Bontsi jwa badiredi ba ba dirang mo diofising tsa kgaolo ba supa maikaelelo a go tsaya malatsi a bona a khunologo mo kgweding ya Sedimonthole. Fa ba abelwa malatsi ao a khunologo, se se kaya gore diofisi tseo di ka se kgone go abela setšhaba ditiro tse di botlhokwa ka botlalo. Go tshwanetse go fitlhelelwa tumallano e e rileng magareng ga batsamaisi le bathapiwa ba ba amegang, go akaretsa le mabaka a gore badiredi bangwe ba tshwanetse go sala mo tirong go netefatsa gore tirelo e abiwa ka mokgwa o o tswelelang.
Mothapiwa ka boikanyego o diragatsa moono wa Mmuso wa letsatsi fa a dira tiro ya gagwe ya semmuso e e tlhalositsweng mo dikwalong tsa puso le ditaelo tse dingwe
Molao wa Ditshwanelo tsa Botho wa mo Molaotheong, mo gare ga tse dingwe, o sireletsa ditshwanelo tsa sepolotiki tsa moagi mongwe le mongwe, tse di akaretsang ditshwanelo tsa go ikamanya le go nna tokololo ya lekoko lefe kgotsa lefe la sepolotiki le a le itlhophelang. Ditlhopho di tla dira gore lekoko le le nang le ditokololo di le dintsi le gape puso le go busa. Se se tlhalosa gore dikgatlhegelo tsa modiredipuso yo o rileng di ka se tlhagelele mo dipholong tsa ditlhopho. Se tlhalosa gape le gore mabaka a botlhokwa, dikgato le maitlhomo a a amogetsweng ke Mmuso wa letsatsi a ka farologana le mabaka a botlhokwa a modiredipuso yo o rileng ka sebele. Legale Badiredipuso ba solofetswe gore ba tswelele go direla Mmuso wa letsatsi o o tlhophilweng ka boineelo, bokgoni le botswerere le ka boikanyego go tsweletsa moono wa yona pele.
Sekai sa bo 1: Modiredipuso ka sebele o dumela gore ditirelo tsa botlhokwa tsa boitekanelo ke tsona di tshwanetseng o tlhokomelwa thata mo lefatsheng e bile o ema nokeng lekoko la sepolotiki le le dumellanang le kakanyo e. Legale Mmuso wa letsatsi, o amogela le go dumela gore botlhokwa jwa go aba matlo le go lwantsha bosenyi ke yona merero ya bothokwa. Mothapiwa o solofetswe gore a amogele mabaka a botlhokwa a Mmuso. Se legale, ga se kaye go gatelelwa ga dikakanyo le boithaopo jwa bokgoni jwa batho.
Sekai sa bo 2: Fa Mmuso wa letsatsi o akanya go diragatsa sekema se se rileng mme e le boikarabelo jwa modiredi gore sekema seo se ka diragadiwa ka mokgwa ofe, modiredi yoo le fa tota a sa dumallane le sekema seo, o solofetswe go beela maikutlo a gagwe kwa thoko mme a akanye ka mokgwa o o tshwanetseng, ka go leba gore ka ditshiamelo tse di leng teng le mosola le dilo tse di sa siamang mo tshiamelong nngwe le nngwe, mokgwa o o tshwanetseng go tswela baagi ba ba amegang mosola ke ofe.
Mothapiwa o ikaeletse go itse le go obamela melao yotlhe le ditaelo tse di tsamaelanang le mokgwa waboitshwaro mo tirong ya gagwe
Gore badiredi ba kgone go dira tiro ya bona ya Mmuso wa letsatsi ka boikanyego le ka bokgoni, mmogo le go thusa setšhaba ka ditirelo, badiredi ba tlhoka go itse diteng tsa tiro ya bona, le maitlhomo go tsamaelana le ka fa tiro ya bona e tshwanetseng go dirwa ka teng le mekgwa e e tshwanetseng go diragadiwa.
Baokamedi ke bona ba rweleng boikarabelo jwa go bona gore badiredi ba itse diteng tsa tiro ya bona. Badiredi le bona ba na le boikarabelo jwa go tsaya matsapa a go nna badiredi ba ba nang le kitso, ba ba kgonang go dira tiro ka botswerere le manontlhotlho go tsamaelana le maitlhomo a a laetsweng le tsamaiso e e tsamaelanang le maemo a tiro ya bona; mo dikgatlhgelong tse di tletseng tsa setšhaba le baagi ba ba ba abelang ditirelo.
Sekai sa bo 1: Ka go se itse ditlhokego tsa ditaelo tsa merero ya ditšhelete ya Tirelopuso, motlhankedi o dumelela kopo ya go reka didirisiwa kwa ntle ga go bona tumelelo e e tlhokegang go tswa kwa Lefapheng la Ditšhelete. Kgato ya mofuta o e tlhalosa gore go tsenwe mo ditshenyegelong tse di sa dumelelwang mme e bile e ka nna tlhwatlhwa godimo le go senya mo go ka runyang dikgato tsa semolao le dikopo tsa go senyegelwa ga makala a a rileng.
Sekai sa bo 2: Ka ntlha ya go tlhoka kitso ga gagwe, modiredi o naya motho mongwe yo o kopang go amogela phenshene ya botsofe tshedimosetso e e fosagetseng ka ga ditlhokego tsa gore motho yoo a ka e amogela, tsela e a tshwanetseng go e tsaya, kgotsa madi a a tla a amogelang. Se se ka nna le ditlamorago tse di sa siamang mo tokololong eo ya setšhaba.
Mothapiwa o dirisana le ditheo tsa bosetšhaba tse di tlhomilweng ka semolao go ya ka mabaka a Molaotheo go rotloetsa dikgatlhegelo tsa setšhaba
Ditheo di le mmalwa di tlhomilwe go ya ka mabaka a Molaotheo (Leitlho la Setšhaba, Morunikakaretso, Khomishene ya Tirelopuso, Khomishene ya go Lekalekana ga Bong jwa batho, le tse dingwe) mme ditheo tse dingwe di tlhomilwe ka molao (diboto tsa go rebola dithendara, dikhomishene tsa dipatlisiso, le tse dingwe). Ditheo tse di rwele boikarabelo jwa go netefatsa gore tsamaiso ya merero ya setšhaba e dirwa ka tshwanelo. Badiredipuso ka go rialo ga ba tshwanela go bona ditheo tse ka leitlho le le sa siamang, fela ba tshwanetse go di thusa fa di dira tiro ya tsona, sekai; ka go di abela tshedimosetso le tlhaloso e di ka e tlhokang.
Sekai sa bo 1: Fa Ofisi ya Leitlho la Setšhaba e kopilwe go dira dipatlisiso ka ga ngongorego e e tswang mo tokololong ya setšhaba kgatlhanong le Lefapha la Puso, go solofetswe tirisano e e tletseng go tswa mo badireding ba Lefapha leo ka go ntsha tshedimosetso e e tlhokegang.
Sekai sa bo 2: Fa Morunikakaretso a fitlhela tsamaiso e e sa lolamang ya ditšhelete mo lefapheng, badiredi ba lefapha le le amegang ga ba tshwanela go bona diphitlhelelo tsa gagwe ka leitlho le le sa siamang. Ba tshwanetse go tlhaloganya le go amogela seabe sa Morunikakaretso le go thusa Morunikakaretso ka botlalo go rarabolola bothato joo.
KGOLAGANO LE SETŠHABA
Mothapiwa o rotloetsa tshwaragano le katlaatlelo laogo la setšhaba sa Aforika Borwa fa a dira tiro ya gagwe ya semmuso
Ketapele ya Molaotheo e tlhalosa gore go amogelwa ga Molaotheo go ikaeletswe -
go fodisa mabadi a nako e e fetileng le go tlhoma setšhaba se se theilweng mo moonong wa mosola wa demokerasi, bosiamisi le tolamo mo gare ga setšhaba le ditshwanelo tsa botho;
go tlhoma motheo wa setšhaba se se aparetsweng ke demokerasi le se se butseng dipelo mo Mmuso o theilweng mo dikeletsong tsa batho mme e bile moagi mongwe le mongwe a sireleditswe ka go lekalekana ka semolao;
go tokafatsa maemo a boleng jwa botshelo jwa baagi botlhe le go ntshetsa mo pepeneneng bokgoni jwa motho mongwe le mongwe; le go bopa Aforika Borwa yo o tshwaraganetsweng wa demokerasi yo o kgonang go tsaya manno a ona e lelefatshe le le ikemetseng ka nosi mo lesikeng la ditšhaba tsa lefatshe lotlhe ka bophara.
Gore re kgone go lemoga le go tshegetsa maikaelelo a a kwa godimo kwa mankalankaleng a a rotloediwang ke Molaotheo, baagi botlhe ba tshwanetse go tsaya matsapa ka go ititaya sehuba le maikaelelo. Go mo pepeneneng gore Badiredipuso ba kaiwa e le karolo ya "Mmuso", mme ka go rialo se ke sengwe se se botlhokwa le go feta mo mabakeng a bona.
Sekai sa bo 1: Mokgwa o o siameng wa go dira dilo mmogo le le seoposengwe, dikgolagano tse dintle mo gare ga batho le tse di itumedisang ka kakaretso, mowa o o edileng wa seporofeshenale wa go thusa setšhaba magareng ga setlhopha sa badiredi ba ba tswang kwa mefuteng e e farologaneng ya lotso la batho ba ba dirang le setšhaba ka tlhamalalo, e tla nna sekai se sentle. Sekai se sentle e tla nna sa kwa ofising e e rebolang makwalo a boitshupo le a mosepele.
Sekai sa bo 2: Mothapiwa o tshwanetse go tsaya matsapa a go ikwadisetsa khoso ya go ithuta nngwe ya dipuo tsa semmuso tse di diriswang mo kgaolong e a dirang mo go yona. O tshwanetse gape go rotleotsa gore go ranolelwe mo dipuong tse dingwe tsa semmuso fa se se tlhokagala mo dikopanong.
Mothapiwa o tshwanetse go direla setšhaba ka mokgwa o o sa lomeletseng le o o sa tseyeng letlhakore lepe fela go tlhoma mowa wa boikanyego mo Tirelongpuso
Tirelopuso e direla baagi botlhe ka bophara, mme setšhaba se solofetse go tshwarwa ka go lekalekana, ka bokgoni, ka seporofeshenale le ka mokgwa wa botsalano. Ka go rialo badiredi ba solofetswe gore ba lepalepana le ditlhokego tse ka go tshwara bao ba dirang le bona le ba ba ba direlang ka go lekalekana, e seng fela ka mokgwa o o tla tsenyang boikanyego mo Tirelongpuso, mme fela o o tla dirang gore go lebogelwe boleng le bokgoni jwa ditirelo tse ba di abang.
Sekai sa bo 1: Mothapiwa o mo maemong a a kwa godimo mo lefapheng le go sekasekiwang dikopo tsa ditirelo dingwe tse di abelwang setšhaba. Moagisane nae o itse ntlha ya gore a ka nna le tshwaelo e kgolo mo tsamaisong e, mme o mo kopa gore a mo thuse go itlhaganedisa kopo ya gagwe. Modiredi o tshwanetse go sekaseka kopo e ya moagisane ka kelotlhoko, gonne kgato nngwe le nngwe e a e tsayang go thusa moagisane wa gagwe, e tla be e le go mo direla molemo le go lomeletsa bakopi ba bangwe ba mo setshabeng.
Sekai sa bo 2: Mothapiwa o tshwanetse go kopa bakopi / badirisi ba gagwe gore ba eme mo mothalong, gore mongwe le mongwe wa bona a thusiwe fa tshono ya gagwe e fitlhile, kwa ntle ga go thusa ba bangwe thata go gaisa ba bangwe kgotsa go akanyediwa gore o dira jalo.
Mothapiwa o boikobo, o na le thusa e bile o kgona go reetsa ditokololo tsa setšhaba, ka dinako tsotlhe o tshola ditokololo tsa setšhaba e le badirisi ba ba tshwanetseng go amogela ditirelo tsa boleng jwa maemo a a kwa godimo
Go botlhokwa gore badiredi ba lemoge gore, ka go tsena mo Tirelongpuso, ba ititeile sehuba gore ba tla direla setšhaba sotlhe ka bophara.
Setšhaba se solofela go thusiwa, mme e bile se solofetse gore badiredi ba nne teng le go se thusa ka mokgwa o o botsalano le o o bokgoni.
Sekai sa bo 1: Mothapiwa o amogela mogala go tswa mo tokololong ya setšhaba fela go mo pepeneneng gore kopo eo e ka rarabololwa ke lekala kgotsa lefapha la lengwe. Modiredi o bolelela motho yoo gore a batle thuso kwa gongwe. Se se ka kaya gore modiredi o bolelela motho yoo gore a batle thuso kwa bathong ba ba farologaneng kwa ntle ga go mo thusa ka gope. Se ga se thuse setšhaba ka sepe mme se ka dira gore setšhaba se nne le kakanyo e e tshokameng ka ga Tirelopuso. Mothapiwa o tshwanetse go ithaopa go batlisisa motho kgotsa lefapha le le ka thusang mme a mo leletse.
Sekai sa bo 2: Fa mothapiwa yo o rileng a thusa mo khaontareng o fitlhela a se na motho ope yo a mo thusang le fa tota modiri ka ena a e emetswe ke batho ba le mmalwa ba ba tlhokang go thusiwa. Mothapiwa o tshwanetse go thusa modiri ka ena le setšhaba ka go biletsa batho kwa khaontareng ya gagwe, fa e le gore mothapiwa yoo o na le kitso e e tletseng le diteng tsa tirelo e e tlhokegang.
Sekai sa bo 3: Fa tokololo ya setšhaba e kopa mothapiwa gore e kgone go tla go mmona, ka sekai sa go bona tshedimosetso e e tlhokegang ya go tsenngwa mo lenaaneng la go bona ntlo ya Puso, modiredi o tshwanetse go leka go tsenya motho yoo mo nakong ya gagwe ka bonako jo bo kgonagalang. Se se ka se supe gore mothapiwa yoo o ikaeletse go thusa, fela le gore o batla go abela setšhaba tirelo.
Mothapiwa o o tshotse mo pelong mabaka le ditlhokego tsa setšhaba mo tirong ya gagwe ya semmuso le go tsaya ditshweetso mabapi le mero e e se amang
Le fa tota ditlhokego le/kgotsa mabaka a ditokololo tsa setšhaba a ka bonwa, go ya ka kitso a badiredi, a se botlhokwa thata jaaka ditokololo tsa setšhaba di akanya, badiredi ba tshwanetse gore ka mowa o o edileng le bokgoni ba thuse ka tshedimosetso kgotsa ka dikgakololo go rarabolola mathata a sona.
Mabaka le ditlhokego tse di supiwang ke motho ka sebele kgotsa ke setlhopha di tshwanetse go tsewa tsia. Ditherisano tse di seneletseng le go direla dilo mo pepeneneng mo mererong e e tshwanang le e, go ka nna le thuso e kgolo mo mabakeng le ditlhokego tsa setšhaba.
Sekai sa bo 1: Go rulaganngwa go aga tliniki ya baagi ba kwa kgaolong ya selegae fa go ntse gape go akanngwa le go tsenya ditirelo tsa tliniki e e isiwang kwa le kwa. Ditokololo tsa setšhaba di tshwanetse go rerisiwa gore itse gore bogolo segolo se tlhoka eng. Se se tla thusa go tsaya tshweetso e e tshwanetseng le e e lolameng le go akaretsa baagi kwa tshimologong ya tiro e.
Sekai sa bo 2: Modiredipuso o rwele boikarabelo jwa go sekaseka dikopo tsa diketleetso tsa kabo ya matlo go baagi ba ba lomeleditsweng ba ba tshelelang mo megwaafatsheng le mekhukhu. Fa dikopo tseo di sa sekasekwe ka bonako le ka bokgoni, lenaane lotlhe la porojeke ya go aba matlo le ka diedisiwame batho ba tswelela go tshelela mo maemong a a bokowa le a a kotsi mo matshelong a bona paka ya nako e telele go na le ka fa go neng go ka nna ka teng fa go ne go abilwe tirelo e e bonako ka fa go tlhokagalang ka teng.
Mothapiwa o ithaopile go aba tirelo e e bonako ya go tlhabolola le go tokafatsa matshelo a Ma-Aforika Borwa otlhe
Mmuso wa letsatsi o tlhalositse maikaelelo a ona ka totobalo gore o batla go tokafatsa matshelo a baagi ba ba neng ba lomeleditswe mo nakong e e fetileng, ka go dirisa Lenaane la Kago Leshwa le Tlhabololo (la RDP). Tiro e e tshwanetse go dirwa ke mafapha otlhe ka boikarabelo jwa ditiro tsa ona.
Aforika Borwa ke lefatshe le le tlhabologang mme bontsi jwa baagi ba lona, ka ntlha ya mabaka a a rileng, ga bo na kitso le tshedimosetso ka ga ditshwanelo le boikarabelo jwa bona, ditirelo tse di bo tshwanetseng, mekgwa ya go di kopa le gore bo bone mang mo lebakeng le. Ka Tirelopuso e tshwanetse go abela baagi botlhe ditirelo, bathapiwa ba rwele boikarabelo jwa go thusa ditokololo tsa setšhaba tse di tlhokang kitso, ka go di abela tshedimosetso, dikgakololo le thuso e di e tlhokang. Se se tshwanetse go dirwa ka boikobo le bokgoni, le fa tota e le go di romela ka mokgwa o o botsalano kwa setheong se sengwe kgotsa kwa kagong e nngwe.
Sekai sa bo 1: Bathapiwa ba tshwanetse go nna le seabe mo manaaneng a tlhabolola le go tokafatsa matshelo a a tlhomilweng ke mafapha a bona. Ba tshwanetse go ineela mo tirong ya bona go netefatsa gore manaane a mofuta o, a diragadiwa ka bokgoni le botswerere mo pakeng ya nako e e laetsweng.
Sekai sa bo 2: Fa ba thusa ditokololo tsa setšhaba mo mabakeng a merero ya boitekanelo, badiredi ba tshwanetse ba abela dikgakololo tsa botlhokwa fa ba belaela gore kitso ya setšhaba ka ga boitekanelo ga ya lekana. Mo badiredi ba sa kgoneng go thusa setšhaba ka nosi, ba tshwanetse bonnye ba ba romele kwa badiring mmogo ba ba tshwanetseng gore ba gakololwe kgotsa ka thusiwe ka botlalo.
Mothapiwa ga a tshwanela go kgetholola le go lomeletsa tokololo nngwe le nngwe ya setšhaba ka mabaka a lotso, bong, setlhopha kgotsa lotso la semorafe, mmala, mekgwa ya bong jwa motho, botsofe le bogolo jwa dingwaga, bogole, bodumedi, dikgatlhegelo tsa merero ya sepolotiki, dikakanyo, tumelo, setso kgotsa puo ya motho
Jaaka go setse go tlhalositswe, Tirelopuso e abela batho le setšhaba ditirelo, go sa kgathalesege gore ke bo mang mo Aforika Borwa. Tokololo nngwe le nngwe e na le ditshwanelo tsa molaotheo tsa go tsholwa ka seriti. Bathapiwa ka jalo ba rwele boikarabelo jwa go tshola ditokololo tsotlhe tsa setšhaba ka go lekalekana, ka mokgwa o o botsalano le bokgoni, ba dire gore di ikutlwe di amogela mofuta wa tirelo o o di tshwanetseng.
Sekai sa bo 1: Mothapiwa a ka belaela gore tokololo ya setšhaba e e tlhokang thuso ke motho wa mokgwa le bong, sekai, jwa go robala le motho wa bong jo bo tshwanang. Le fa tota se se sa amogelesege ka gope mo modireding yoo ka sebele, o tshwanetse go abela tokololo eo tirelo e e lekanang le ya seporofeshenale e a neng a ka e abela tokololo nngwe le nngwe ya setšhaba.
Sekai sa bo 2: Palo ya batho ba le mmalwa e eme mo mothalong wa go athusiwa, mme tokololo ya baagi e e itsegeng thata mo setshabeng e tsena ka kgoro le go solofela gore e thusiwe ka bonako jwa pong ya leitlho. Fa modiredi yo o thusang baagi o letla gore motho yoo a tsene pele kwa pele ga batho ba bangwe ba ba mo mothalong, go raya gore o kgetholola kgatlhanong le batho ba bangwe ba ba solofetseng go thusiwa.
Mothapiwa ga a dirise maemo a gagwe mo Tirelongpuso ka go rotloetsa le go lomeletsa dikgatlhegelo tsa lekoko le le rileng la sepolotiki kgotsa dikgatlhegelo tsa setlhopha se se rileng
Ka Tirelopuso e direla setšhaba sotlha ka pbophara, se se akaretsang ditlhopha tse di farologaneng, makoko a sepolotiki le batho ba ditumelo tse di farologaneng, le tse dingwe, se se raya gore badiredipuso ga ba tshwanela go ikamanya le morero ope o o ka tswelang setlhopha se sengwe mosola mo godimo ga se sengwe.
Go ya ka mabaka a Tirelopuso, badirisi botlhe ba jona ba tshwanetse go thusiwa ka go lekalekana go tsamaelana le moono wa Mmuso wa letsatsi. Ka jalo mothapiwa o tshwanetse go tlhaloganya ka botlalo pharologano magareng ga boikarabelo jwa gagwe mo Mmusong wa letsatsi le go amega ka tlhamalalo mo mererong ya lekoko la sepolotiki.
Sekai sa bo 1: Mothapiwa ke tokololo ya setlhopha se se rileng sa merero ya setso se se gaisanelang ketleetso ya Puso ya ngwaga le ngwaga. Mothapiwa o tshwere maemo a a kwa godimo mo lefapheng le le tshwanetseng go di sekaseka, go tsamaisa dikopo le go romela ditshikhinyo kwa go Tona ya lefapha. Mothapiwa wa mofuta oo ga a tswhanela go dirisa maemo a gagwe a a kwa godimo go rata go fetisa ka gope kopo ya mokgatlho o a leng tokololo ya ona, le go lomeletsa dikopo tse di tswang kwa mekgatlhong e mengwe. Mothapiwa wa go nna jaloo tshwanetse go itsise mookamedi wa gagwe ka ga dikgatlhegelo tsa gagwe go thibela gore go se ke ga nna le kgotlang kgotsa ga akanngwa jalo.
Sekai sa bo 2: Mothapiwa ba solofetswe go thusa Ditona/Bakhuduthamaga ba ba tshwanetseng ka botlalo mabapi le go tlhama dikwalwa tsa bona, le tse dingwe, tse di tla dirisediwang mabaka a semmuso, a a tshwanang le go tlhama melaotlhomo. Legale, badiredi ga ba tshwanela, go amega fa go rulaganngwa le go tlhama dikwalwa tse di tla dirisiwang ke Tona kgotsa Mokhuduthamaga mo mabakeng a merero ya makoko a sepolotiki.
Mothapiwa o tlotla le go sireletsa seriti le ditshwanelo tsa botho, tsa motho mongwe le mongwe jaaka di akareditswe mo Molaotheong
Bathapiwa ba tshwanetse go itshola ka mokgwa wa go tlotla badiri mmogo nabo le setšhaba, go sa kgathalesege gore ke bo mang, ba lebega jang, maemo a bona ke afe mo setshabeng, le tse dingwe. Maitsholo a badiredi mo bathong ba bangwe ka gale a tshwanetse gore e nne a a botsalano, a go thusa le a a bokgoni.
Sekai sa bo 1: Fa bathapiwa ba ba dirang mo khaontareng ba kopiwa ke tokololo ya sethaba e e tagilweng thata e bile e tladitse leshata gore ba e thuse, ba tshwanetse go tshola motho wa go nna jalo jaaka ba tshola ba bangwe, ba thuse motho yoo ba ritibetse maikutlo le ka nepagalo. Go botlhokwa go gakologelwa gore maemo ao a tla be a etswe tlhoko ke setšhaba ka leitlho le le ntshotsho, le gore badiredi ba ka tokafatsa selebego sa Tirelopuso ka go a tshola ka mokgwa wa seporofeshenale. Fa maemo ao a tswa mo taolong mme badiredi ba tshwere bothata jwa phage ka mangana, ga ba tshwanela go tlalelwa le go tsholetsega maikutlo, fela ba tshwanetse go isa motho yoo kwa go mookamedi wa bona, yo o tla buisanang le ena mo sephiring.
Sekai sa bo 2: Batho ba gapelediwa ke go tlhoka madi gore ba kope thuso tsa ketleetso tsa katlaatlelo-loago. Badiredi ba ba rweleng boikarabelo jwa go ba thusa ka difomo tsa go dikopo, ba tshwanetse go dira se ka maatlametlo le go ba utlwela botlhoko.
Mothapiwa o lemoga le go itse ditshwanelo tsa setšhaba tsa go fitlhelela tshedimosetso, kwa ntle ga tshedoimosetso e e kgethegileng le e e sireleditsweng ka semolao
Molaotheo o dira ditshiamelo tse di maphata a le mabedi mabapi le go fitlhelela tshedimosetso. La ntlha ke go rotloetsa go direla dilo mo pepeneneng, se se letlang gore moagi mongwe le mongwe a fitlhelele tshedimosetso e e tshwanetseng ya dikgatlhegelo tsa setšhaba bonolo. Se se tla se abela tshono ya go nna le sesabe ka botlalo mo go tlhomeng mefuta ya moono o se ratang go bona o diragadiwa. La bobedi, ditshiamelo di ikaeletswe gape go kgontsha baagi go sireletsa ditshwanelo dingwe tsa bona tse di tlhagelelang mo Molaong wa Ditshwanelo tsa Botho. Ba ka kopa mabaka a a kwadilweng a dikgato dingwe le dingwe tsa tsamaiso tse di ka ba lomeletsang thata. Go ya pele, ba ka kopa tshedimosetso nngwe le nngwe go diragatsa ditshiamelo tsa tsa go sireletsa ditshwanelo tsa bona.
Ka modiredi mongwe e mongwe a itse, go sweediwa ga gore ke tshedimosetso efe e e mo dikgatlhegelong tsa setšhaba ke morero o o matswakabele tota. Tshedimosetso nngwe e tsewa gore ke tshedimosetso e e sireleditsweng mme e tshwanetse go tlhokomelwa ke mafapha go ya ka mabaka a Ditaelo tsa Maemo a Botlhokwa a Tshireletso ya Tshedimosetso a a rebotsweng ke Setheo sa Bosetšhaba sa Ditirelo tsa Matlhale. Molaotlhomo wa Demokerasi e e Bulegileng e e mo Pepeneneng le ona o ikaeletse go tlhoma thulaganyo e e tshwanetseng eo ka yona morero o, o tshwanetseng go tsamaisiwa ke mafapha. Se se tlhakatlhane le go nna matswakabele thata ka ntlha ya gore Molao wa Merero a Badiri wa 1995, le ona o dira ditshiamelo tse di kgethegileng tsa gore Badiredipuso ba dumelelwe go fitlhelela tshedimosetso e e tshotsweng ke Puso ka e le yona mothapi wa bona, gore go sirelediwe ditshwanelo dingwe tsa merero ya badiri, tsa bathapiwa bao.
Motheo wa botlhokwa o ka sobokanngwa ka mokgwa o o latelang:
Bathapiwa ba tshwanetse gore ka dinako tsotlhe ba amogele fa setšhaba se na le ditshwanelo tsa go fitlhelela tshedimosetso.
Lefapha lengwe le lengwe le tshwanetse go tlhoma pholesi e e tsamaelanang le molao wa bosetšhaba o o laolang morero o mo makaleng a lona.
Bathapiwa ba tshwanetse go itse melao e e laolang morero o mo mafapheng a bona.
Mabaka a le tsamaiso e e dirisitsweng tse di bakileng dikgato tsa tsamaiso di tshwanetse go kwadisiwa le go gatisiwa ka maikaelelo a gore tshedimosetso e nne teng fa e kopiwa.
Fa tshedimosetso e e kopiwang ke tokololo ya setšhaba e sa tshwanela go gololwa, go tshwanetswe ga ntshiwa mabaka a a utlwalang mabapi a fiwa tokololo eo ka ga tshweetso e e tserweng ya gore e se ke ya ne setšhaba.
Sekai sa bo 1: Go abela setšhaba tshedimosetso ya botlhokwa ka nako e tshwanetse go nna sengwe se se elwang tlhoko thata. Fa tokololo ya setšhaba e e kopileng tshedimosetso ka ga dibasari e ka abelwa tshedimosetso eo morago ga letlha la bofelo la go ikwadisetsa ngwaga o o rileng wa dithuto, maikaelelo a go aba tshedimosetso ya go nna jalo a tla be a foloditse tota.
Sekai sa bo 2: Go fitlhelela tshedimosetso go tlhalosa gape gore tshedimosetso e tshwanetse go kokoanngwa ka dinako tsotlhe le gore dintlha tsa yona di nne tsa sesheng. Fa tokololo ya Palamente e ka kopa tshedimosetso go e dirisetsa dikganetsano tsa kwa Palementeng, mme lefapha la palelwa ke go e abela tshedimosetso e e nepagetseng le ya sesheng ka nako, go ka koafatsa maikaelelo a mokgwa wa demokerasi.
Sekai sa bo 3: Go aba tshedimosetso e e sa nepagalang e ka nna bothata jo bogolo. Ditokololo tsa setšhaba di ka kopa tshedimosetso, sekai, ya go diragadiwa ga sekema se sentshwa se dintlha tsa sona di iseng di dumelelwe le go amogelwa ke bothati jo bo tshwanetseng. Mothapiwa yo o sa itseng ntlha e, fela legale yo o itseng fela dintlha tsa kakanyo ya sekema o ka abela setšhaba tshedimosetso e e seng ya semmuso. Tirelopuso e ka tlhabisiwa ditlhong fa go dirilwe diphetogo mo sekemeng mme kwa bofelong sa diragadiwa ka mokgwa o sele go na le ka fa setšhaba solofetse ka teng.
DIKGOLAGANO MAGARENG GA BATHAPIWA
Mothapiwa o tshwanetse go dirisana ka botlalo le badiredi ba bangwe go tsweletsa dikgatlhegelo tsa setšhaba
Go botlhokwa mo bathapiweng botlhe go itse gore ba direla maikaelelo a le mangwe fela, a go direla Mmuso wa letsatsi le baagi /setšhaba ka bokgoni le ka boikanyego ka fa go kgonagalang ka teng. Ka jalo bathapiwa ba tshwanetse go tsaya matsapa a a kgethegileng go dirisana mmogo. Ka go thusana le go emana nokeng, mmogo le go arogana kitso, dikakanyo tota le metswedi (fa go tshwanetseng), badiredi ba ka kgona go dira ka manontlhotlho le mo dikgatlhegelong tsa Mmuso le setšhaba.
Sekai sa bo 1: Go botlhokwa go itse maikaelelo kgotsa maikemisetso a Tirelopuso ka kakaretso go tlhaloganya gore karolwana nngwe le nngwe fa e diragaditswe ka botlalo, e tshwaela mo maikaelelong a a siameng le a a mosola ka bophara. Ka jalo mothapiwa o tshwanetse go amogela dikakanyo le ditshikhinyo tsa badirimmogo go tswa kwa makaleng a mangwe. Ga go lebaka la go nna lefufa kgotsa go laela ba bangwe gore: "phuthi tswa letlhoding, go tswa ka madi ga go pila - tswang mo karolong ya me", mo Tirelongpuso.
Sekai sa bo 2: Fa mothapiwa a lemoga gore ditlhokego tse di rileng tsa setšhaba di ka kgonagala fela ka go dirisana le ofisi e nngwe, modiredi wa go nna jalo o tshwanetse go tsaya matsapa a go botsa ka ga tirisano eo, le fa tota badiredi ba ba dirang kwa ofising e nngwe, ba se na tirisano kwa tshimologong.
Sekai sa bo 3: Modiredi o kopiwa ke lefapha le lengwe go thusa mo setlhopheng sa batho ba ba tlhophang morero o o rileng. Modiredi o tshwanetse go thusa ka botlalo fa go kgonagala jalo. Legale o tshwanetse go ela tlhoko ditlhokego tsa lefapha la gagwe le go kopa tumelelo go mookamedi wa gagwe.
Mothapiwa o obamela le go dira ditaelo tsotlhe tse di utlwalang tse a di laelwang ke batho ba ba abetsweng dithata tsa go di ntsha, fa di se na kgotlang le mabaka a Molaotheo le / kgotsa molao mongwe le mongwe
Go botlhokwa gore bathapiwa ba obamele ditaelo tsotlhe tse di utlwalang, go netefatsa gore ditirelo di a abelwa setšhaba ka mokgwa o o tshwanetseng le o o lolameng. Mekgatlho e megolo e e tshwanang le mafapha a Tirelopuso e ka dira ka bokgoni fela fa go le tsela e e tlhomameng ya botsamaisi jo bo tlotliwang ke badiredi. Fa ditaelo tsotlhe tsa semolao di diragadiwa ka nako le ka bokgoni lefapha lotlhe le ka dira ka botswerere le ka manontlhotlho.
Sekai sa bo 1: Mothapiwa o amogela ditaelo go tswa go motsamaisi kgotsa mookamedi wa sepolotiki go dira sengwe se se sa dumelelweng ka melawana e e laolang Tirelopuso. Mothapiwa o tshwanetse go itse gore melawana eo ke efe mme mo mabakeng a a tshwanang le a, a supetse mookamedi wa gagwe ka ga go tlola molao ga kgato ya go nna jalo. Fa mookamedi a gatelela gore ditaelo tseo di diragadiwe, mothapiwa o tshwanetse go kopa ditaelo tseo di kwadilwe, mme a supe go ema kgatlhanong ga gagwe a bo a itsise bothati jo bo tshwanetseng ka ga morero o.
Sekai sa bo 2: Fa mothapiwa a amogela ditaelo go tswa go mookamedi wa gagwe tsa gore a reke sedirisiwa mme go sa tlhamiwa tendara ka mokgwa wa tshwanelo, mothapiwa a ka kopa gore morero oo o lebisiwe go motlhankedi wa boruni gore a tseye tshweetso.
Mothapiwa ga a tseye letlhakore go tswela ba lesika le ditsala molemo mo mererong e e tsamaelanang le tiro ya gagwe mme e bile ga a ke a dirisa dithata tsa gagwe botlhaswa kgotsa go jabetsa mothapiwa yo mongwe, le fa e le go tsiediwa gore a dirise dithata tsa gagwe botlhaswa
Tirelopuso e tlhoka go thapa, go tsholetsa maemo a badiredi le go akgola le go leboga badiredi ba, go sa kgathalesege dikakanyo tsa bona tsa sepolotiki kgotsa gore ke ba lekoko lefe, dikgolagano tsa lesika kgotsa maemo a mo setshabeng, fela fa ba na le bokgoni jwa go aba ditirelo. Mekgwa e e latelang ga e amogelesege ka gope:
a Go sekamela mo go thuseng batho ba ba rileng - se se tlhalosa go itlhophela go thapa bathapiwa ba ba rileng, go ba tsholetsa maemo, go ba romela kwa dikgaolong tse di rileng, kgotsa go ba tshola ka mokgwa o o ba tswelang molemo go ya ka dikgatlhegelo tsa modiredi ka sebele, ka mabaka a a tshwanang le botsala, go lebogela se o kileng wa se direlwa, le tse dingwe.
b Go direla gae - se se tlhalosa gore modiredi o thapa modiri, a mo tsholetse maemo, a mo romele kwa kgaolong e e rileng, kgotsa a mo abele sengwe kgotsa ditshono ka mabaka fela a gore ke tolololo ya lelapa la gagwe kgotsa o na le dikgolagano le motho yo o abetsweng dithata go rebola dikgato tsa mofuta o kgotsa go tshokamisa/go tshwaela ka dithata tsa gagwe mo thulaganyong ya lefelo la tiro.
Sekai sa bo 1: Badiredi ba le babedi (modiredi A le B) ba thapiwa mo Tirelongpuso. Ba thapilwe ka maemo a a lekanang, ke ditsala tse di ntshanang sa inong e bile ba nna mo ofising e le nngwe. Modiredi B o tsholeditswe maemo go nna mookamedi wa modiredi A. Ka ntlha ya se, o mo maemong a go abela modiredi A tiro e e kgethegileng, gore a kgone go itshupa mo mabakeng a a rileng le go akgolwa botoka go gaisa badiri mmogo ba bangwe. Ka nako ya go sekasekiwa ga boleng jwa bokgoni jwa modiredi A, mo go dirwang ke modiredi B ka matlhagatlhaga, boitumelo le go ratiwa, o amogela sekgele sa moputso wa tiro ya gagwe, le fa tota go sa reye gore se mo tshwanetse.
Sekai sa bo 2: Mothapiwa o nna le seabe mo setlhopheng se se tlhopha motho yo o tla thapiwang mo Tirelopusong. Mothapiwa o rata motho yo o rileng gonne ke tsala ya gagwe, tokololo ya lekoko la sepolotiki le modiredi a leng tokololo ya lona kgotsa tokololo ya setlhopha sa morafe o o rileng. Se ke go dira o sekametse mo go thuseng batho ba ba rileng, mme se kgatlhanong le maikaelelo a Molaotheo le dikgatlhegelo tsa Puso.
Sekai sa bo 3: Go mekgwa e le mentsi e mothapiwa yo o mo maemong a a kwa godimo a ka dirisang dithata tsa gagwe botlhaswa ka yona. Sekai; botseno jwa bathapiwa mo lefelong la go emisetsa dikoloi bo na le ditaelo tse di tlhaloganyesegang ka botlalo tsa gore lefelo le le rileng le beetswe thoko badiredi ba maemo a a kwa godimo kgotsa baeng ba semmuso. Legale tlhogo ya ofisi e kgapela ditaelo tse kwa thoko ka go letla mogatse go emisetsa koloi ya gagwe mo lefelong le nako le nako. Dikgato tsa mofuta o di dira gore bathapiwa ba seke ba obamela ditaelo le badiredi ba maemo a a kwa godimo mme se ga se letle lefapha gore le dire tiro ya lona ka bokgoni.
Mothapiwa o dirisa ditsela tse di tshwanetseng go bega dingongorego tsa gagwe kgotsa go emelwa ka tlhamalalo
Le fa go amogelwa gore dingongorego le dikgotlang di ka nna teng, gangwe le gape mo mafelong a Tirelopuso, go mosola mo mongongoreging le mothapi wa gagwe (mmogo le setšhaba) gore dingongorego le dikgotlang tsa mofuta o di rarabololwe magareng ga matlhakore a mabedi a a amegang ka bonako jo bo kgonagalang. Ke ka ntlha ya lebaka le gore go be go na le mekgwa ya go rarabolola dingongorego le dikgotlang le gore e abelwe bathapiwa botlhe go e dirisa. Gangwe le gape fa ngongorego kgotsa kgotlang e runya, go tshwanetse go tsholwa tse di latelang mo tlhaloganyong:
a Ngongorego kgotsa kgotlang e ka rarabololwa ka botlalo fela fa matlhakore ka bobedi a a amegang ka sebele mo ngongoregong / kgotlang a ka buisanang / a itshwarellana.
b Fa go le ngongorego / kgotlang, modiredi a ka dirisa nngwe ya ditsela tse di latelang:
i Mokgwa wa go ngongorega leba Karolo ya bo 35 ya Molao wa Tirelopuso, wa 1994 fa o buisiwa le melawana e e amanang le dingongorego le dikgotlang tsa badiredi ba Tirelopuso, Molawana wa Nomoro ya bo 6575, wa letlha la 1 Phukwi 1999, go ya ka mabaka ao ka ona bathapiwa ba ka tlisang dingongorego/dikgotlang go mookamedi wa bona yo o tshwanetseng go e romela kwa legatong la maemo a a kwa godimo fa mookamedi a sa atlege go rarabolola ngongorego /kgotlang eo.
Sekai sa bo 1: Mookamedi o ntsha pego e e sa itumediseng ka ga tiro ya mothapiwa ka nako ya fa go lekanyediwa bokgoni jwa badiredi kwa ntle ga go abela modiredi tshono ya go tlhalosa letlhakore la gagwe mo morerong o. Se se kgatlhanong le moono wa dikgolagano tse di dumeletsweng tsa badiri ka kakaretso. Mookamedi wa Tirelopuso o tshwanetse go itse gore Tirelopuso e tshwanetse go supa sekai mabapi le go tsamaelana le moono le mokgwa wa melao ya lefatshe le, mme ka gale a netefatse gore o dirisa mokgwa o o lolameng wa tshiamo.
ii Mokgwa wa tsamaiso ya boto ya go tsereganya go tsamaelana le Karolo ya bo 15 1 ya Mametlelelo ya bo 7 ya Molao wa Dikgolagano tsa Badiri, wa 1995, go ya ka mabaka ao ka ona mothapiwa a ka ntshang ngongorego mokgwa o o sa siamang le o o sa lolamang wa go tshola badiredi go tlhogo ya lefapha yo o tshwanetseng go tlhoma boto ya go tsereganya mme a romele kgotlang eo kwa botong eo fa tlhogo ya lefapha ka sebele e sa atlege.
Sekai sa bo 2: Moromiwa yo o sa itumelelang ntlha ya go lelekiwa mo tirong e seng ka tshwanelo, a ka tlisa lebaka leo kwa go tlhogo ya lefapha, yo o tshwanetseng go sekaseka morero e le go bona gore kgotlang e a rarabololwa. Fa tlhogo ya lefapha e sa atlege go rarabolola kgotlang mo malatsing a le 20, moromiwa yo o ngongoregang a ka kopa tlhogo ya lefapha gore e tlhome boto ya go tsereganya mo malatsing a le 10, e e tshwanetseng go leka go rarabolola kgotlang eo. Fa boto ya go tsereganya e retelelwa ke go rarabolola kgotlang, moromiwa yo o ngongoregang a ka ikgolaganya le kgotlatshekelo ya Merero ya Badiri go thusiwa.
iii Mo ngongorego/kgotlang e tsamaelanang le botsamaisi jo bo sa siamang le dikgato tse di lomeletsang tsa Puso ka e le yona mothapi, ngongorego / kgotlang e ka romelwa le kwa go Leitlho le le Sireletsang Dikgatlhegelo tsa Setšhaba.
Sekai sa bo 3: Moromiwa yo o lemogang mekgwa e e belaetsang e e dirisiwang o maemong a gagwe a tiro, a ka lemosa mookamedi wa gagwe kgotsa tlhogo ya lefapha. Fa a sa itumelela tsibogo ya mookamedi kgotsa tlhogo ya lefapha, moromiwa yo o ngongoregang a ka romela morero o kwa go Leitlho le le Sireletsang Dikgatlhegelo tsa Setšhaba. Mo mabakeng a a rileng, moromiwa a ka rata go ikgolaganya le Leitlho le le Sireletsang Dikgatlhegelo tsa Setšhaba ka tlhamalalo.
Mothapiwa o ineetse mo go tlhabololeng, go rotloetsa le go dirisa badiredi ba gagwe mmogo le go rotloetsa dikgolagano tsa badiri le tirisano tse di siameng
Go kgona go fitlhelela maikaelelo a Tirelopuso ka kakaretso, a e leng go abela setšhaba ditirelo tse di manontlhotlho, baokamedi / batsamaisi botlhe ba mo Tirelongpuso ba gapeletsega go bona gore badiredi ba ba ba laolang ba tlametswe ka kitso le bokgoni go dira tiro ya bona go fitlhelela maemo a a solofetsweng, ba rotloediwe go aba ditirelo tsa mofuta o le gore ba ikaeletse le go rotloetsa dikgolagano tse di edileng tsa merero ya badiri. Mo maitekong a go kgona se, mookamedi o tshwanetse go tshola tse di latelang mo tlhaloganyong:
a Go tlhabolola badiredi go tlhalosa gore mothapiwa yo o mo maemong a bookamedi / motsamaisi o tshwanetse go -
i tlhaloganya gore go tlhabolola badiredi go akaretsa eng;
ii tswelela go sekaseka boleng jwa bokgoni jwa badiredi;
iii simolola ka lenaane la maano a go tlhabolola badiredi;
iv netefatsa gore lenaane leo le a diragadiwa; le v tswelela go lekanyetsa gangwe le gape ka fa lenaane le tswelelang ka teng.
Sekai sa bo 1: Mookamedi o tshwanetse gore, ka ditherisano le modiredi yo o sa tswang go thapiwa, a lemoge ditlhokego tsa gagwe tsa katiso. Ditlhokego tsa katiso tse di lemogilweng di tshwanetse go akarediwa mo lenaaneng la katiso le le tsamaelanang le mabaka a tiro ya gagwe le tse di mo dibukaneng tsa katiso. Go tshwanetse go tlhamiwa le lenaane la katiso le le tla tlhalosang tswelelopele ya tlhabololo ya modiredi yo o sa tswang go thapiwa.
b Go rotloetsa badiredi mo tirong ya bona go kaya gore modiredi yo o mo maemong a bookamedi / botsamaisi o tshwanetse go -
i tlhaloganya gore go rotloetsa badiredi go akaretsa eng;
ii go lekanyetsa selekano sa ka fa badiredi ba rotloeditswang ka teng;
iii simolola mekgwa ya go tsholetsa le go tokafatsa selekano sa go rotloetsa badiredi fa go tlhokagala; le iv tswelela go lekanyetsa gangwe le gape selakano sa go rotloediwa ga badiredi.
c Go dirisa badiredi sentle ka botlalo go kaya gore mothapiwa yo o mo maemong a bookamedi / botsamaisi o tshwanetse go -
i tlhaloganya gore go dirisa badiredi sentle ka botlalo go akaretsa eng;
ii lekanyetsa selekano se badiredi ba dirisiwang sentle ka botlalo ka teng;
iii simolola mekgwa e e tla dirang ditshiamelo tse badiredi ba tla dirisiwang sentle ka botlalo ka teng; le iv ka metlha ba tswelele go ela tlhoko gore badiredi ba dirisiwa ka botlalo.
Sekai sa bo 2: Baokamedi / batsamaisi ba tshwanetse gore tswelela go lekanyetsa bontsi jwa tiro le selekano sa mokgwa wa go dira ga badiredi go netefatsa gore badiredi botlhe ba dirisiwa sentle ka botlalo. Se se tla thibela tlwaelo ya gore badiredi ba bangwe ba nne le tiro e ntsi fa bathapiwa ba bangwe ba itirela tiro e nnye fela. Badiredi le bona ba tshwanetse go rotloediwa go itse tiro e ka gale e seng karolo ya tiro ya bona mmogo le tiro ya boikarabelo jwa maemo a a kwa godimo, gore ba nne badiredi ba ba tokafalang ba ba siametseng go ka diriswa mo tirong ya maemo a a kwa godimo fa nako e tlhoka jalo.
d Go diragatsa dikgolagano tse di siameng tsa merero ya badiri go kaya gore modiredi yo o mo maemong a bookamedi / botsamaisi o tshwanetse go -
i tlhaloganya gore dikgolagano tse di siameng tsa merero ya badiri di akaretsa eng;
ii lekanyetsa go siama ga dikgolagano tse di siameng tsa merero ya badiri;
iii simolola ka mekgwa, fa go tlhokagala jalo, ya go tokafatsa dikgolagano tse di siameng tsa merero ya badiri; le iv tswelela go lekanyetsa gangwe le gape go siama ga dikgolagano tse di siameng tsa merero ya badiri.
Sekai sa bo 3: Baokamedi / batsamaisi ba tshwanetse go lekanyetsa mokgwa wa go dirisana mmogo ga badiredi mo makaleng a bona mme ka gangwe fela ba tsereganye fa badiredi ba bonala e kete ga ba dire tiro ka mowa o o edileng kgotsa ba simolola go ngangisana thata.
Mothapiwa o dirisana ka mokgwa o o lolameng, wa seporofeshenale le o o lekalekanang le bathapiwa ba bangwe, go sa kgathalesege lotso la setlhopha sa mo setshabeng, bong, lotso la semorafe, mmala, mokgwa wa bong jwa motho, bogolo jwa dingwaga, bogole, bodumedi, botokololo jwa sepolotiki, dikakanyo, tumelo, setso le puo ya motho
Molaotheo, melao ya go thapiwa mo tirong le ya merero ya badiri, mmogo le Molao wa Setso, o dira ditshiamelo tsa gore badthapiwa mo Tirelongpuso ba nne le ditshwanelo tsa botho gore ba tsholwe ka mokgwa o o lolameng le o o lekalekanang. Fa ditshwanelo tseo di gatakiwa ka mokgwa mongwe, bathapiwa ba ka dirisa ditshiamelo tsa go rarabolola dikgotlang tse di akareditsweng mo Molaong wa Tirelopuso, wa 1994, Molao wa Melawana ya Tirelopuso le wa Merero ya Dikgolagano tsa Badiri, wa 1995, kgotsa ba ka ikuela kwa Kgotlatshekelong ya Molaotheo, Kgotlatshekelo Kgolo kgotsa go Leitlho le le Sireletsang Dikgatlhegelo tsa Setšhaba, gore ba thusiwe, go ya ka fa mabaka a tla beng a eme ka teng.
a Go dira ka mokgwa o o lolameng le badiredi ba bangwe go kaya gore modiredi o tshwanetse go -
i tlotla ka gale ditshwanelo tse di tlhomilweng go ya ka mabaka a Molao wa Setso, Molaotheo, Molao wa Merero ya Dikgolagano tsa Badiri le molao mongwe le mongwe o o tshwanetseng tsa badiredi ba bangwe;
ii abela ka gale badiredi ba bangwe tshono ya go tlhalosa letlhakore la bona la morero;
iii dumelela badiredi ba bangwe ka gale gore ba emelwe ke motho yo mongwe fa ba kopa jalo; le iv rerisana / go batla kgakololo / go buisana ka mokgwa o o bulegileng.
Sekai sa bo 1: Fa modiredi a, sekai; latofadiwa ka lenyatso le maitsholo a a botlhaswa, o tshwanetse go otlhaiwa ka mokgwa wa tsamaiso e e lolameng, mmogo le ka mabaka a a siameng le a a utlwalang.
Mokgwa wa tsamaiso e e lolameng le wa mabaka a a utlwalang e kaya gore go tsewe dikgato tse di rileng tsa go sekisa modiredi mo modiredi a tshwanetseng go -
itsisiwe ka nako ka ga ditatofatso dingwe le dingwe tse di leng kgatlhanong nae;
abelwa tshono ya go tlhalosa mabaka a gagwe fa go sekiwa;
nna le tshwanelo ya go emelwa ke motho yo mongwe;
fitlhelela tshedimosetso yotlhe e e tshwanetseng;
nna le tshwanelo ya go botsolotsa dipaki dipotso; le nna le tshwanelo ya go ikuela.
Mokgwa wa tsamasiso e e lolameng le wa mabaka a a utlwalang o kaya gore dintlha tsotlhe tse di beilweng mo tafoleng di tshwanetse go tsewa tsia di lebilwe sentle ka fa go kgonagalang ka teng pele go tsewa tshweetso.
b Go dirisana le badiredi ba bangwe ka mokgwa wa seporofeshenale go kaya gore modiredi o tshwanetse go -
i nna le kitso e e tletseng ka ga morero o go buiwang ka ga ona;
ii tsibogela ditaelo / kopo ka bonako;
iii dirisa tlhaloganyo ya gagwe ka botlalo mo morerong o o tshwanetseng;
iv nna le seabe ka botlalo mo mabakeng a go dirisana mmogo le setlhopha go kgona go aba ditirelo / go rarabolola mathata;
v tlotla ditshwanelo tsa badiredi ba bangwe; le vi reetsa dikgatlhegelo tsa batho ba bangwe ba ba amegang.
c Go dirisana le bathapiwa ba bangwe ka go lekalekana go kaya gore modiredi o tshwanetse go -
i se kgetholole ka tlhamalalo ka mokgwa o o sa lolamang kgatlhanong le badiredi ba bangwe ka mabaka afe kgotsa afe fela;
ii tshola badiredi ba bangwe gore ba a lekalekana ka dinako tsotlhe; le iii leba dilo sentle gotlhelele ka botlalo le go dirisa mekgwa e e tshwanang fa go tsewa tshweetso e e ba amang.
Sekai sa bo 2: Mookamedi o naya badiredi ba e leng ditokololo tsa tumelo ya gagwe nako ya go ikhutsa fela o ganela ditokololo tsa setlhopha se sengwe sa bodumedi tshono ya go ikhutsa. Se ke kgethololo. Ditlhopha tsotlhe tsa bodumedi di tshwanetse go tsholwa ka mokgwa o o tshwanang.
Mothapiwa ga a nne le seabe mo mererong epe ya makoko a sepolotiki mo lefelong la gagwe la tiro
Go ya ka mabaka a Molaotheo, Tirelopuso ga ya tshwanela go tsaya letlhakore lepe la sepolotiki mo ditirelong tse bo di abelang setšhaba. Se se tlhalosa gore badiredipuso ba tshwanetse go abela baagi botlhe mo lefatsheng le ditirelo mme ga ba tshwanela go itlhophela ope. Tirelopuso le badiredi ba yona ba emetse go aba ditirelo mo lefatsheng la rona ka bophara, mme ga bo a tshwanela, mo tirong ya jona, go tsweletsa pele dikgatlhegelo tsa lekoko lepe fela la sepolotiki.
Sekai sa bo 1: Motho yo o apereng hempe ya T-shirt ya letshwao le le kwadilweng moono wa lekoko le le rileng la sepolotiki a ntse a aba ditirelo mo setshabeng tsa go rebola makwalo a boitshupo a ka latofadiwa ka gore o tlhotlheletsa mekgwa ya kgethololo fa a palelwa ke go rebola lekwalo leo la boitshupo mo pakeng ya nako e e rileng, le fa tota lebaka la gore a diege le se ka fa tlase ga taolo ya gagwe. Go ya pele tokololo ya setšhaba e ka khupisega fa e thusiwa ke motho mongwe yo o tlhotlheletsang lekoko le le rileng la seplotiki mo setheong sa bosetšhaba.
Sekai sa bo 2: Mothapiwa yo o letlang ditokololo tsa makoko a a rileng a sepolotiki go fitlhelela tshedimosetso eo setšhaba se tshwanetseng go e abelwa, mme a ganela ditokololo tsa lekoko le le rileng la sepolotiki go bona tshedimosetso eo, o paletswe ke go abela batho botlhe ba Aforika Borwa ditirelo, go sa kgathalesege gore ba ikwadisitse mo lekokong lefe la sepolotiki.
MOKGWA WA GO DIRA
Mothapiwa o tsaya matsapa a go fitlhelela maikaelelo a setheo sa gagwe ka go somarela ditshenyegelo le go direla dikgatlhegelong tsa setšhaba
Mo tirong ya bona ya letsatsi le letsatsi, badiredi ba tshwanetse ka gale ba ipotsa gore a se ba se dirang tota se tshwaela mo go abeng ditirelo kgotsa dipoelo tse lekala la bona le rweleng boikarabelo jwa go di tlisetsa setšhaba. Se, nnete tota, se tlhoka gore badiredi botlhe ba nne le kitso e e tletseng ka ga maikaelelo le maikemisetso a makala a bona le setheo, bogolo segolo sa botlhokwa, le tiro ya bona mo lekaleng leo.
Baokamedi/batsamaisi ba tshwanetse go tswelela go ipotsa gore a tiro e makala a bona a e abang e tshwaela mo go abeng ditirelo tse ditheo tsa bona di rweleng boikarabelo jwa go di aba.
Bathapiwa mmogo le baokamedi/batsamaisi ba tshwanetse ka bobedi go ela tlhoko gore ba se ke ba boeletsa tiro e e ka beng tota e abiwa ke setheo se sengwe.
Sekai sa bo 1: Mothapiwa o tshameka metshamekwane ya dikhomputa mo khomputareng ya mo ofising ka nako ya tiro. Se se nyatsa maikaelelo a boineelo mo tirong e bile se lomeletsa mosola wa nako (le go utswa madi) a mothapi. Fa motho a sena tiro epe fela e a e dirang, o tshwanetse go bolelela mookamedi wa gagwe gore a dirisiwe mo go mosola ka go dira sengwe gore go fitlhelelwe maikaelelo a mokgatlho.
Sekai sa bo 2: Motsamaisi wa lenaneo la ditekanyetso kgotsa motsamaisi yo o rweleng boikarabelo o tshwanetse go nna kelotlhoko ka go dirisa matlole a setšhaba a a roletsweng mo magetleng a gagwe go fitlhelela maikaelelo a lenaneo leo. Se se tlhoka gore a rulaganye tiro ya gagwe ka tlhomamo le go tila mokgwa wa go dirisa manaane a nama o tshwere kgotsa go tsaya ditshweetso tsa motsotswana.
Mothapiwa o kgona go akanya ka tlhaloganyo e e tletseng fa a dira tiro ya gagwe, o batlisisa mekgwa ya go dira dilo ka botswerere le go rarabolola mathata, mmogo le go tsholetsa bokgoni le manontlhotlho go tsamaelana le molao
Bathapiwa ba tshwanetse go amega ka botlalo fa ba dira tiro ya bona. Ba tshwanetse gore ka dinako tsotlhe ba dirise ditlhaloganyo tsa bona ka botlalo go batla mekgwa ya go dira tiro ya bona ka bonako le botoka go aba dipoelo le/kgotsa ditirelo mo setshabeng. Go tlhagelela mathata a le mmalwa mo tsamaong ya letsatsi mo tirong. Bathapiwa ba tshwanetse gore ka dinako tsotlhe ba batle mekgwa ya go rarabolola mathata ao ka bonako le ka mekgwa e e botoka ka fa go kgonagalang ka teng mme gape ba tshwanetse go batlisisa le mekgwa ya go dira tiro ka botswerere le manontlhotlho go thibela gore mathata ao a se ke a tlhagelela gape.
Sekai sa bo 1: Fa mothapiwa a dira mo lekaleng le le rebolang ditifikeiti a lemoga gore setšhaba ga se a itumelela mokgwa o o dirisiwang le paka ya nako e e tsewang go ntsha ditifikeiti tseo, o tshwanetse go batlisisa mekgwa e tirelo e ka diriwang ka bonako le ka bokgoni ka teng, mme a gakolole mookamedi wa gagwe ka ntlha eo.
Sekai sa bo 2: Fa mothapiwa a dira mo ofising e e thusang setšhaba a lemoga gore batho ba tshwaragana le mathata a go bona mo ba ka emisetsang dikoloi tsa bona teng, kgotsa ba ema mo methalong nako e telele, o tshwanetse go akanya ka ga mekgwa ya go rarabolola bothata joo. Lefelo le setšhaba se amogelang ditirelo mo go lona le ka sutisediwa kwa lefelong le lengwe le le fitlhelelwang bonolo kgotsa go ka tlhomiwa mafelo a a fetang le le lengwe a setšhaba se ka thusiwang mo go ona.
Mothapiwa o dira tiro ya gagwe ka nako ka dinako tsotlhe
Mothapiwa o tshwanetse go itse gore boikarabelo jwa bona jwa go dira tiro ya semmuso bo botlhokwa thata le gore go dira tiro ya bona go tshwanetse ga dirwa kwa ntle ga go kgorelediwa ke sepe, ka nako, le ka maatlametlo. Bathapiwa ba tshwanetse gore ka mokgwa o o kgethegileng ba tseye matsapa a go konosetsa tiro ya bona ka nako/ka nako e e beilweng le e e tlhokegang ka yona.
Bathapiwa ba tshwanetse gape gore ba tseye matsapa a go ithotloetsa ka nosi le go itse se ba se dirang, ba dire tiro ya bona ka boikanyego go tsamaelana le moono le mekgwa e e beilweng kwa ntle ga go leta gore motho yo mongwe a ba kope/gakolole gore ba dire jalo.
Sekai sa bo 1: Mothapiwa o goroga mo tirong thari morago ga nako a lapile ka ntlha ya go lala masigo a tswa kwa moletlong wa bosigo jo bo fetileng mme a sa kgone go dira tiro ya gagwe ka tshwanelo. O latofalediwa gore ga a na boikarabelo e bile o senya ka madi a setšhaba.
Sekai sa bo 2: Fa mothapiwa a tshwanetse go konosetsa tiro e e rileng mo nakong e e beilweng, o tshwanetse go dira ka mokgwa o a ka se keng a palelwa ke go tshwara nako e e beilweng ya tiro eo. Se se tlhoka gore a dire mo nakong ya gagwe ya go nwa teye, ya go ja dijo tsa motshegare le morago ga diura tsa tiro, kgotsa a kope badirimmogo gore ba mo thuse fa e le gore tiro eo e ka se kgonwe ke motho a le nosi mo nakong e e beilweng.
Mothapiwa o dira tiro ya gagwe ka mokgwa wa seporofeshenale le o o bokgoni
Bathapiwa ba tshwanetse gore ka dinako tsotlhe ba ipotse gore a ka boammaruri ba itumeletse boleng jwa tiro e ba e direlang setšhaba le gore a ba ne ba tla itumela fa ba ne ba le mo maemong a batho ba ba amogelang mosola wa tiro kgotsa ditirelo tsa bona. Bathapiwa ba tshwanetse gape gore nako le nako ba ipotse gore a ba tshotse batho ba bangwe (badirimmogo, baokamedi le setšhaba), ka mokgwa wa go tlotla seriti sa botho jwa bona le ditshwanelo tsa botho le gore a ba na le kitso, ba supa boitumelo, go thusa le boitsholo jo bo siameng. Bokgoni jwa bona jwa go aba ditirelo ka mokgwa wa seporofeshenale bo ikaegile gape mo kitsong ya bona ya tiro e e tshwanetseng go dirwa, seo gape se gatelela botlhokwa jwa boikarabelo jwa mothapi le badiredi jwa go tlhoma manaane a katiso.
Sekai sa bo 1: Ka dinako dingwe mothapiwa yo o dirang mo khaontareng o rakana le motho yo o nang le bothata jwa go tlhaloganya gore ke eng dilo tse dingwe di dirwa ka mokgwa o o rileng. Mothapiwa ga a tshwanela go kukega maikutlo, fela o tshwanetse go tlhalosa mabaka a se. Fa motho yoo a santse a sa itumela, modiredi a ka mo tshikhinyetsa gore a kwale ngongorego ya gagwe mme a mo itsise aterese eo a ka romelang ngongorego eo kwa go yona.
Sekai sa bo 2: Fa mothapiwa a rwele boikarabelo jwa go araba dipatlisiso go tswa mo setshabeng, o tshwanetse go netefatsa gore dipatlisiso tsotlhe di tsibogelwa ka bonako le gore dikarabo di ntsha dintlha tse di nepagetseng ka boikobo le go rulaganngwa ka tshwanelo. Mo lebakeng la fa karabo e ka se romelweng ka bonako, modiredi o tshwanetse ka gangwe fela a itsise tokololo ya setšhaba gore o amogetse kopo ya dipatlisiso tseo.
Sekai sa bo 3: Mothapiwa yo o sa tswang go thapiwa o beilwe go aba ditirelo tsa mo khaontareng kwa ntle ga mookamedi yo o mo supetsang tiro le kwa ntle ga go katisiwa. Le fa tota go ka tlhalosiwa gore modiredi yo o amegang o tshwanetse go ithuta tiro "ka go e kakatlela ka diatla", ga go a tshwanela go ikgatholosiwa phoso e e ka diragalang ya go senya leina la mothapi fa modiredi a dira diphoso kgotsa badirisi ba senyediwa nako mo go sa amogelesegeng.
Mothapiwa ga a ikame ka gope le thefosano efe kgotsa kgato efe e e kgatlhanong le kgotsa sengwe se se sunyang nko mo mokgweng wa gagwe wa go dira tiro ya semmuso
Gore ba tshegetse boikanyego jwa Tirelopuso, bathapiwa botlhe ba solofetswe go aba ditirelo ka boikanyego le ka botswa pelo. Se se tlhoka gore bathapiwa ba se ke ba ikama, ba le mo tirong kgotsa ba se mo tirong, ka sepe fela mo mererong kgotsa mo ditirong tse di:
a ba supang gore ke manweenwee kgotsa magodu;
b ka supang gore di ba kgoreletsa mo tirong;
c nang le tshwaelo mo mokgweng o ba dirang tiro ka ona;
d kgoreletsang go akanya sentle mo ditshweetsong tse ba di tsayang;
e tlhabisang ditlhong mo Pusong e e leng mothapi;
kgotsa f ka dirang gore ba akanyediwe gore go kgonagalo ya gore ba lomeletse kgotsa ba tseya letlhakore la setlhopha se se rileng.
Boitsholo jwa bathapiwa ba le mo tirong kgotsa ba se mo tirong bo tshwanetse go nna jwa gore Mmuso wa letsatsi le ditokololo tsa setšhaba di tla ba ikanya gore ba tla dira tiro ya bona ka boikanyego, ka maikaelelo a le mangwe fela a botlhokwa a gore ba tla direla dikgatlhegelo tsa setšhaba.
Sekai sa bo 1: Mothapiwa yo o dirang ka go sekaseka selekano sa go duela lekgetho, kwa ntle ga tiro ya gagwe kgotsa ka nako ya diura tsa gagwe tsa tiro, mo e bileng a duelwang, kgotsa a direla motho molemo fela, ga a tshwanela go thusa ditokololo tsa setšhaba go ikgatholosa go duela lekgetho.
Sekai sa bo 2: Mothapiwa ga a tshwanela go nna tokololo ya boto ya mokgatlho/kgwebo e lefapha la gagwe le dirang kgwebo le yona.
Mothapiwa o tshwanetse go intsha mo kgatong nngwe le nngwe ya semmuso kgotsa fa go tsewang ditshweetso tse di ka dirang gore a sole mosola yo o sa tshwanelang ka sebele, mme se se tshwanetse go itsiswe ka botlalo ke mothapiwa yoo
Fa bathapiwa ba lemoga gore ba ka se kgone go nna ba sa tseye letlhakore lepe fa ba dira tiro ya bona kgotsa fa go tsewa tshweetso, kgotsa fa batho ba bangwe ba ka nnang le mabaka a go dumela gore ba ka se kgone go nna ba sa tseye letlhakore lepe ka ntlha ya mabaka mangwe a go tswa kwa ntle, badiredi ba tshwanetse gore ka gangwe fela ba intshe mo ditirong tsa mofuta oo, go sireletsa maemo a a lolameng, a boammaruri le boikanyego mo sebopegong sa Tirelopuso.
Sekai sa bo 1: Fa mothapiwa e le tokololo ya setlhopha se se tlhophang batho ba phatlhatiro e e lolea mme a lemoga gore mongwe wa ditokololo tsa ba lelapa la gagwe o dirile kopo ya phatlhatiro eo mme e bile o akareditswe mo lenaaneng la ba ba tla botsolodiwang, mothapiwa wa go nna jalo o tshwanetse go intsha mo tsamaisong ya se, gonne go tla tsewa gore a ka se ke a nna a sa tseye letlhakore ka gope. Modiredi o tshwanetse go itsise se ka go kwala.
Sekai sa bo 2: Fa mothapiwa a amega mo porojekeng ya go rekela Puso lefatshe mme karolo nngwe ya lefatshe leo e le ya ba lesika la gagwe, mothapiwa o tshwanetse go itsise baokamedi ba gagwe mme a intshe gore a se ke a amega mo kgwebisanong eo.
Mothapiwa o amogela boikarabelo jwa go amega ka nosi mo katisong le go itlhabolola ka nosi tse di tswelelang, kgotsa tsa botshelo jwa gagwe jotlhe
Ke boikarabelo jo bo kgethegileng jwa batsamaisi le baokamedi go bona gore badiredi ba bona ba amogela katiso e e tswelelang go netefatsa gore ba tla kgona go dira tiro ba ikemetse ka nosi le go ba tlamela go tsholediwa maemo mo isagweng ya botshelo jwa bona. Legale, mothapiwa mongwe le mongwe o rwele boikarabelo ka sebele go tsaya dikgato tse di botlhokwa go netefatsa gore -
a o na le kitso e e tletseng e bile o tlhaloganya se se solofetsweng mo go ena e le modiredi puso;
b o na le kitso e e tletseng e bile o tlhaloganya mokgwa wa go dira tiro ya gagwe; le c o tokafatsa kitso le bokgoni jwa gagwe ka mabaka a gore bo tla dirisiwa mo isagweng fa a le mo maemong a a kwa godimo.
Sekai sa bo 1: Fa mothapiwa yo o sa tswang go thapiwa mo tirong a sa itse mokgwa wa go dira tiro ya gagwe, o tshwanetse go buisa dikwalwa tse di laolong mofuta oo wa tiro le go batlisisa mo badiringmmogo kgotsa mo mookameding wa gagwe, kgotsa a ikgolaganye le bona ka bobedi.
Sekai sa bo 2: Bathapiwa ba ba dirileng dingwaga di le dintsi ba ka supa go tlhoka kitso mo mafelong a mangwe a tiro ya bona. Go ka ba tswela mosola fa ba ka dirisa tshono nngwe le nngwe e e leng teng go ikatisetsa kwa pele, sekai; ka go ithuta dithuto katiso tsa tiro ya bona kgotsa ba ikwadisetsa dithuto tsa ditheo tsa thuto e e kwa godimo.
Mothapiwa o boikanyego le go rwala boikarabelo fa a dirisa madi a setšhaba mme o dirisa thoto ya Tirelopuso le metswedi e mengwe ka mokgwa o o mosola, o o bokgoni, le mo mabakeng a a dumeletsweng semmuso fela
Setšhaba ka bophara se ikantse badiredipuso ka thoto, boswa le matlole a Puso, mme se solofetse gore ba tla di tshola ka mokgwa o o boikarabelo le o o boikanyego.
Bathapiwa ba solofetswe gape go somarela madi a baduela lekgetho ka mokgwa o ba dirisang le go tshola thoto le madi a setšhaba ka teng. Go botlhokwa go itse gore fa ba tshola ditshenyegelo tsa Puso di le kwa tlase, ba tla kgona go aba ditirelo tse di lekaneng le tse di botoka mo lefatsheng la rona go lepalepana le metswedi e e tlhaelang.
Sekai sa bo 1: Fa mothapiwa a na le tshono ya go dirisa motshini wa fekese, ga a tshwanela go romela le go amogela melaetsa ya sephiri a dira e kete ke ya semmuso. Fa modiredi a eletsa go romela fekese ya poraevete, o tshwanetse go kopa tumelelo ya semmuso gore a e romele mme e bile o tshwanetse go duelela go dirisa fekese eo.
Sekai sa bo 2: Mothapiwa o dirisa thoto ya Puso (dikoloi, dimatshini, fanitshara, le tse dingwe) botlhaswa, a be a di senya. Se se tlhalosa gore o senya madi a setšhaba le gore go tla abiwa tirelo ya maemo a a kwa tlase a a bokowa, se se sa tsweleng setšhaba mosola ope.
Sekai sa bo 3: Mothapiwa o dirisa thoto ya Puso (sengwe le sengwe go tswa mo dipampiring go ya go diphensele le dikoloi) botlhaswa, mo mabakeng a gagwe a poraevete. Se ga se mo dikgatlhegelong tsa setšhaba gonne motho yoo ga a utswe fela thoto ya Puso mme o utswa ya setšhaba, e bile o dira gore setšhaba se se ke sa tlotla Tirelopuso.
Mothapiwa o dira tiro ya manontlhotlho, e e mosola, e e bokgoni, mo pepeneneng le tsamaiso e e boikarabelo
Go dira tiro ya monontlhotlho, e e bokgoni, mo pepeneneng le tsamaiso e e boikarabelo go tlhalosa gore moagi mongwe le mongwe o na le tshono e e lekanang ya go fitlhelela ditirelo tse di bokgoni, tse di mosola le tse di botsalano, go sa kgathalesege gore maemo a gagwe, bong jwa gagwe, lotso lwa gagwe le tse dingwe di eme jang mo setshabeng.
Fa go abiwa tiro e e manontlhotlho le ka tsamaiso e e boikarabelo, go tshwanetswe ka gale ga tsholwa mo tlhaloganyong botlhokwa jwa mosola le maikaelelo a Molaotheo. Bathapiwa ka dinako tsotlhe ba tshwanetse go leka go konosetsa tiro ya bona ka nako, mme gape ba tswelele go dira tiro ya maemo a boleng jo bo kwa godimo, go sa kgathalesege gore a tiro eo e bonwa e se ya botlhokwa.
Sekai sa bo 1: Fa mothapiwa a filwe taelo ya go dira dikhophi tsa dikwalwa tse di tshwanetseng go mamarediwa mo makwalong a a romelwang kwa ditheong tse dingwe, dikhophi tsa go nna jalo di tshwanetse tsa nna bontle le bophepa, di bonala sentle, ka se se tla tsholetsa sebopego tsa setheo sa modiredi yoo.
Sekai sa bo 2: Mothapiwa yo o rwesitsweng boikarabelo jwa go tlhokomela dipalangwa tsa Mmuso o tshwanetse go netefatsa gore dibuka tsotlhe tsa go kwala go dirisiwa ga dipalangwa tse di beilweng mo magetleng a lekala/karolo ya gagwe di tlisiwa ka nako mme dikilomitara tsa sekgala se se tsamailweng di kwalwa ka botlalo le ka tshwanelo.
Sekai sa bo 3: Ditherisano le dikgwebisano tsotlhe tsa semmuso di tshwanetse go kwalwa ka tshwanelo mme mokgwa o o dirisitsweng o etswe tlhoko sentle fa go ka nna le dipatlisiso kgotsa ga tsoga kgotlang ka ga morero o. Se se tla tsholetsa mokgwa wa go direla dilo mo pepeneneng.
Mothapiwa yo o dirang tiro ya gagwe ya semmuso, o tshwanetse go begela bathati ba ba tshwanetseng, bonweenwee, bogodu, go direla ba masika tshono, tsamaiso e e tshokameng le kgato nngwe le nngwe ya go tlola molao, kgotsa e e lomeletsang dikgatlhegelo tsa setšhaba
Bonweenwee le bogodu di tlhalosa go wela tlase ga mekgwa ya setho ka bophara bogolo segolo go tlhatswa batho ba bangwe matsogo e se ka semolao le bonweenwee. Gangwe le gape go tsamaelana le ditiro tsa bosenyi, sekai; go sunya nko go ya ka maemo a motho, go gweba ka diritibatsi, badiri ba ba duelwang go se badiredi ba go nna jalo, bonweenwee le bosenyi jo bo rulagantsweng sentle ka tshwanelo tse di ka kgoreletsang maemo a ikonomi a semolao.
Lwantlha, ke ntlha e e lomeletsang botho jwa setšhaba mme e kotsi mo baaging. Gantsi e gatelelwa ke dikakanyo tsa "go ikhumisa ka bonako; ka khumo e e gaufi". Lwabobedi, e nyatsa maemo a semolao a lenaane la sepolotiki ka go nyeletsa boikanyego le boipelo mo setshabeng, gonne fa mokgwa wa tsamaiso ya puso o latlhegelwa ke boikanyego go runya maemo a a sa tsepamang le go tlhoka molao.
Lwaboraro, e tlhakatlhakanya lenaane la merero ya ikonomi. E dira se ka go nyemisa babeeletsi ba kwa mafatsheng a bodi tšhaba tšhaba le ba mono gae mooko. Bomenemene bo nyeletsa mokgwa o o siameng wa boikanyego le botshepegi jwa setšhaba mo lenaaneng la demokerasi. Re tshwanetse go thuba mokgwa o tlhogo.
Ke boikarabelo jwa bathapiwa botlhe go bega dikgato dingwe le dingwe tse e seng tsa semolao, go tlhoka boikanyego kgotsa ditiro tsa bomenemene kwa go baokamedi kgotsa bathati ba ba tshwanetseng ka bonako jo ba bo lemogang ka jona. Ditiro tsa bomenemene gangwe le gape di tlholwa ke go tlhoka motheo wa mokgwa o o siameng mo tirong, go tlhoka boikarabelo jwa merero ya setšhaba, mmogo le go direla ba masika a motho ditshiamelo tse di kwa thoko.
Sekai sa bo 1: Mothapiwa yo o rwesitsweng boikarabelo jwa tiro ya go isa badirimmogo kwa gae gangwe le gape, ka sepalangwa sa khombi ya Mmuso, a ka letlelelwa ka mabaka a a tshwanetseng, go ya gae ka sona le go se emise mo setsheng sa gagwe. Badirimmogo ba lemoga gore modirikabona o dirisa khombi eo go nna thekese gore a itsenyetse madi. Ba tshwanetse go begela mookamedi wa modiri yoo ka ga se ka bonako. Fa go sa tsewe dikgato tse di tlhokegang, morero o o ka begiwa kwa go Leitlho le le Sireletsang Dikgatlhegelo tsa Setšhaba.
Sekai sa bo 2: Fa mothapiwa wa Lefapha la Dipalangwa yo o rweleng boikarabelo jwa go ntsha dithekethe tsa go tlola molao wa tsela a solofediwa madi a bomenemene ke mokgweetsi, o tshwanetse go bega mokgweetsi yoo gore a tle a latofadiwe. Fa mothapiwa a amogela madi ao a bomenemene, o molato wa letsogo le le kobong.
Sekai sa bo 3: Mothapiwa ga amege ka gope mo ditirong tsa bomenemene, fela o itse fa badirimmogo ba amega mo go tsona. Fa mothapiwa yoo a itidimalela fela a sa bege mokgwa o o bosula o, o ikgatholosa boikarabelo mmogo jwa seriti sa Tirelopuso. Mo lebakeng le le tshwanang le le, modiredi yoo o tla latofalediwa mmogo bomenemene joo.
Mothapiwa o naya bathati ba maemo a a kwa godimo dikgakololo ka boikanyego ka go se tseye letlhakore lepe go ya ka tshedimosetso e e leng teng, fa a kopiwa kgakololo ya mofuta o
Fa bathapiwa ba kopiwa go abela bathati ba maemo a a kwa godimo kgakololo ka ga morero o o rileng, e tshwanetse go ntshiwa ka mokgwa wa seporofeshenale go ya ka mabaka a maemo a tiro. Kgakololo ya mofuta o ga ya tshwanela go tshwaelwa ke tse motho a di ratang, tse a sa di rateng kgotsa tse di itumedisang ditsholofelo tsa gagwe.
Sekai: Mothapiwa yo o tshwagaraganeng le morero wa ngongorego kgatlhanong le modirimmogo nae, yo a mo utlwelang botlhoko ga a tshwanela go ganela botsamaisi ka tshedimosetso gore a koafatse le go tokafatsa maemo a modirimmogo nae mo molatong oo. Go tshola le go gana ka tshedimosetso mo molatong o, go ka nna kotsi le go lomeletsa lefapha/tsamaiso.
Mothapiwa o tlotla maemo a sephiri sa morero mongwe, dikwalwa le ditherisano, tse di goeleditsweng kgotsa tse go akanngwang gore ke tsa sephiri sa khupamarama
Go direla dilo mo pepeneneng go tlhalosa, mo gare ga tse dingwe, gore motho mongwe le mongwe o na le ditshwanelo tsa go fitlhelela tshedimosetso e e tshotsweng ke Puso, fa tshedimosetso ya mofuta o, e tlhokega go sireletsa ditshwanelo tse di rileng tsa motho. Legale go ka nna le tshedimosetso e e tsewang gore ke ya sephiri. Mo mabakeng a a tshwanang le a, ke boikarabelo jwa modiredi go tlotla sephiri seo, ka go senola tshedimosetso e, go ka nna kotsi mo Pusong.
Sekai sa bo 1: E tla be e le phoso e kgolo fa mothapiwa a ka abela bobegakgang tshedimosetso ya sephiri, go tshwana le ditshweetso tsa Kabinete kgotsa molaotlhomo wa Puso ya letsatsi o o santseng o akanngwa.
Sekai sa bo 2: Tshedimosetso e e bolokilweng mo dikhomputareng tsa badiredi ka sebele e tsewa e le tshedimosetso ya sephiri mme e tshwanetse go tsholwa jalo ka dinako tsotlhe. Tshedimosetso a mofuta o, sekai; ga ya tshwanela go abelwa ditlamo tsa inshorense kgotsa ditheo tsa kwa ntle, kwa ntle ga fa go le lebaka le le utlwalang gore e ntshiwe mo e tshwanetseng go dumelelwa ka mokgwa o o tshwanetseng.
Sekai sa bo 3: Ditlhaeletsano tsa Se-eleketeroniki
Tshedimosetso e e bosisi le ya sephiri e ka romelwa fela ka fekese fa go se mokgwa o mongwe gape wa go e romela. Fekese ya mofuta o e tshwanetse go dumelelwa pele ke motswedi o e tswang kwa go ona le motho yo o tla e amogelang, tshedimosetso e go tsewang gore ke ya sephiri sa khupamarama ga ya tshwanela go romelwa ka mokgwa o o fitlhelelwang ke mang le mang, kwa ntle ga fa go tserwe mekgwa ya go e sireletsa. Mo mabakeng otlhe, tshedimosetso e tshwanetse go sirelediwa ka dinotlolo kgotsa ka mokgwa mongwe le mongwe o e ka romelwang ka ona o o babalesegileng.
GO LAOLA GO FITLHELELA TSHEDIMOSETSO: Tshedimosetso ya mefuta e e farologaneng e tshwanetse go fitlhelelwa ke batho ba e ba tshwanetseng le ba e ikaeletsweng gore ba e amogele. Go tshwanetswe ga tlhongwa lenaane la batho ba ba tshwanetseng go fitlhelela tshedimosetso. Ditshwanelo tsa go fitlhelela tshedimosetso di tshwanetse go rulaganngwa ka fa go tla tsweletsang mofuta wa kgwebo.
Mekgwa ya sephiri ya dinomoro tsa motho (e e bidiwang "Password") ga ya tshwanela go aroganngwa le motho ope yo mongwe, le fa e ka nna ka lebaka lefe kgotsa lefe. Melaetsa e e fitlhelelwang ke motho a le kgakala le mafaratlhatlha e tshwanetse go sirelediwa ka go e abela maina, go e abela dithata le ka mekgwa ya mokwalo wa sephiri. Melaetsa e e fitlhelelwang ke batho ba bangwe ba sele e tshwanetse go dumelelwa fela fa go se kotsi e e kalo kgotsa go se kotsi ka gope.
E-MEILI LE WWW: Di tshwanetse go dirisediwa mabaka a semmuso mme e seng mabaka a a bosula kgotsa a a seng a semolao. Go romela tshedimosetso ya melaetsa e e bosisi go tshwanetse ga dirwa ka mokwalo o o tshwanetseng wa sephiri le mosaeno o o tsweletseng pele wa se-eleketeroniki. Go tshwanetse ga tshegediwa maemo a a se nang ditwatsi le megare ya dikhomputa, melaetsa e e belaelwang gore e ka nna kotsi ga ya tshwanela go bulwa ka gope. Elangtlhoko gore le se ke la itshunya mo melaetseng e e sireleditsweng gore ke thoto ya setheo se se rileng, netefatsang melaetsa le metswedi e e tswang kwa go yona. Tshedimosetso ya melaetsa e e sa tshwanelang e tshwanetse go sekasekiwa ka tshwanelo le ka botlalo.
GO SOMARELA TSHEDIMOSETSO: Tshedimosetso ya sephiri ka gale e tshwanetse go romelwa ka mokgwa wa mokwalo wa sephiri. Go diragadiwa ga mekgwa ya go netefatsa gore tshedimosetso ga e sutlhelele kwa e sa tshwanelang teng go tshwanetse go nna sengwe sa botlhokwa se se begelwang badiredi botlhe. Sephiri sa khupamarama se tshwanetse go tshegediwa ka dinako tsotlhe. Seriti se ditheo tse dingwe di tla somarelang tshedimosetso ka sona se tshwanetse go netefadiwa pele tshedimosetso e romelwa kwa go tsona. Sephiri sa tshedimosetso ga se a tshwanela go diragadiwa fela mo go dirisiwang mokgwa wa "di-password", mekgwa e mengwe, sekai; e e tshwanang le ya se-eleketeroniki le yona e tshwanetse go batlisisiwa ka botlalo. Ke fela badiredi ba ba abetsweng dithata ba ba tshwanetseng go buisana le babegadikgang. Ditherisano tsa mofuta o di tshwanetse go rulaganngwa ka tshwanelo mme di tsamaelane le maikaelelo a setheo ka kakaretso. Dinomoro tsa diaterese le difekese di tshwanetse go netefadiwa pele tshedimosetso e ka romelwa.
GO THIBELA BOSENYI JWA GO UTSWA TSHEDIMOSETSO: Go tshwanetswe go nna le maparego a maemo a a kwa godimo a go thibela bosenyi jwa mafaratlhatlha.
Gangwe le gape go tshwanetse go sekasekwa mekgwa ya go thibela le go fokotsa ditsela tsa go tlhasela mafaratlhatlha. Go tshwanetse ga netefadiwa bokgoni jwa go a tlhamakanya gape ka bonako. Bosupi jo bo leng teng ga bo a tshwanela go kgaphelwa thoko gonne melaetsa e le mo sebopegong sa se-eleketeroniki. Bogodu jwa tshedimosetso bo otlhaiwa semolao ka Molao wa Ditlhaeletsano le Kgwebisano ya Se-eleketeroniki, Molao wa go Kgoreletsa le go Sekaseka Merero le metswedi e mengwe ya molao wa bosenyi. Bo tsebe ntlha jwa badiredi le go nna kelotlhoko di tshwanetse go nna di tshegeditswe.
MAITSHOLO A MODIREDI KA SEBELE LE DIKGATLHEGELO TSA GAGWE TSA PORAEVETE
Mothapiwa yo o mo tirong, o apara bontle le go itshola ka mokgwa o o tsholetsang tlotlo ya Tirelopuso
Mmuso le setšhaba se solofetse maemo a a kwa godimo a boporofeshenale go tswa mo badiredingpuso. Boporofeshenale mo bo tlhalosa go simolola tiro ka nako kgo mo tlhogong, go ikakanyetsa go simolola dilo, boineelo, bokgoni le maemo a a kwa godimo a boleng jwa go aba ditirelo. Mokgwa wa moaparo ka gale o tshwanetse go nna makgethe, wa boitsholo le o o tlotlegang. Bathapiwa, bogolo segolo ba ba dirang le setšhaba ka tlhamalalo, ba tshwanetse go ela tlhoko gore ba se ke ba apara meaparo e e sa eletsegeng, kgotsa ba lebega botlhaswa.
Sekai sa bo 1: Bathapiwa, bogolo segolo ba ba thusang setšhaba ka tlhamalalo mo matlhong, ga ba tshwanela, sekai; go tsena mo tirong ba apere dihempe tse di gagogileng kgotsa marukgwe a matalanyane a a phunyegileng masobana.
Sekai sa bo 2: Ga go modiredipuso ope yo o tshwanetseng go tla mo tirong a le malabulabu a lebega botlhaswa. Fa, sekai; modiredi yo o dirang mo botsenong jwa mo lefatsheng la rona a tsena mo tirong a sa poma ditedu e bile a nkga bojalwa jo bo tagang, o tla be a supa sebopego se se maswe sa Aforika Borwa, se se tla lomeletsang lefatshe le.
Mothapiwa o dira ka boikarabelo mabapi le go dirisa dino tse di tagang kgotsa metswako e mengwe e e nang le tagi mo go yona
Bathapiwa ga ba tshwanela go tagiwa kgotsa go nwa metswako epe ya nnotagi fa ba le mo tirong. Kwa ntle ga matlhabisa ditlhong a ba tla a supang, se se ka lomeletsa go aba ditirelo le go golagana le badirimmogo le setšhaba.
Maikutlo a a tsholetsegileng le go nna seoposengwe ga badiredi ke ntlha e e botlhokwa mo tirong ya mokgatlho mongwe le mongwe. Bathapiwa ga ba tshwanela go itlhabisa ditlhong mo pele ga matlho a badirimmogo ka go dirisa metswako ya nnotagi botlhaswa ka dinako tsa meletlo ya semmuso.
Le fa tota mothapiwa a se mo tirong, o sala e le modiredi puso mme ka gale o tshwantse go itshola ka boikarabelo le go se tlhabise Tirelopuso ditlhong.
Sekai sa bo 1: Mookamedi yo o nwang nnotagi go feta selekano mo moletlong wa ofisi mme a tagiwa thata o tla tlhabisa ditlhong mo pele ga matlho a batsamaisi ba gagwe, badirimmogo le badiredi ba ba mo tlase ga gagwe. Se se ka lomeletsa mokgwa wa go dira tiro e e manontlhotlho ya lekala la gagwe.
Sekai sa bo 2: Fa mothapiwa, bogolo segolo yo o tshwanetseng go abela setšhaba ditirelo, a goroga mo tirong a nkga bojalwa jo bo tagang (kgotsa, mo go tlhabisang ditlhong tota, a tagilwe), bonnye o tla latofalediwa maitsholo a a maswe, mme maitsholo a gagwe a tla senya selebego le bokgoni jwa Tirelopuso ka kakaretso. Go botlhokwa gape go tlhaloganya gore maitsholo a mofuta o, a tsewa e le a a botlhaswa le gore modiredi puso yoo o tla latofadiwa go ya ka mabaka a boitsholo joo.
Mothapiwa ga a tshwanela, kwa ntle ga tumelelo ya Tlhogo ya Lefapha go bona kgotsa go amogela mpho nngwe le nngwe ya mo sephiring, dikabelo kgotsa sengwe le sengwe se se nang le boleng jwa madi (seo se tlhalosiwang e le sa boleng le motswedi wa mpho e e fetang kgotsa e e lekanang le R350), go tswa mo mothong ofe kgotsa ofe ka nako ya fa a dira tiro ya gagwe, ka se se ka tsewa gore ke mpho ya letsogo le le kobong.
Fa motho a thapilwe e le modiredipuso, motho wa go nna jalo o rwele maemo a boleng jo bo kgethegileng. Se se tlhalosa gore motho wa go nna jalo o refosana boleng jwa tiro ya diatla tsa gagwe mo Pusong, mme o tla duelwa go tswa mo makgethong a a kokoantsweng go tswa mo setshabeng ka kakaretso mme ka jalo modiredi o tshwanetse go abela setšhaba ditirelo ka bokgoni jwa gagwe jotlhe le ka mokgwa wa seporofeshenale le boineelo.
Go tshwanetse go tlhaloganngwa ka botlalo ke modiredipuso le setšhaba ka bophara gore kwa ntle ga fa go tlhokega jalo mo dikwalong tsa semmuso, ga go tokololo epe ya setšhaba e e duelang selekano se se rileng sa madi go bona ditirelo, sekai; mo lebakeng la madi a a tshwanetseng go duelelwa go rebolelwa lekwalo la boitshupo, ga go madi ape a mangwe gape, e ka nna a khetshe kgotsa a mokgwa mongwe, a a tshwanetseng go duelwa. Maikaelelo a a tshwanetse go akarediwa mo melawaneng yotlhe ya Tirelopuso mme a supiwe mo dikagong tsotlhe tsa puso gore a tswele setšhaba mosola. Fa go tshwanetsweng go duelwa madi a tlaleletso go amogela ditirelo tse di rileng, se se tshwanetse go supiwa mo dikwalong (dikwalo tsa kopo) tse di tshwanetseng.
Ka mokgwa o o tshwanang, baabi ba ditirelo mo lekaleng la poraevete ba tshwanetse go lemosiwa ntlha ya gore Tirelopuso, fa e batla go bona ditirelo/thoto, e dira jalo go ya ka mabaka a Molaotheo o o laolang tsamaiso ya Tirelopuso jo bo tlhokang gore go tshegediwe mekgwa ya maemo a a kwa godimo a seporofeshenale.
Badiredi ga ba tshwanela go abelwa dimpho, ketleetso, dilwana tsa go bapatsa sengwe, ditaletso tsa go ya dijong, le tse dingwe, e bile ga di a tshwanela go nna karolo ya ditiro tsa bona tsa go tsholetsa Tirelopuso, ka se se ka tlhola maemo/dikakanyo tsa gore ba tlhotlheletsa tiro e e sa siamang mo bathating ba ba tsayang ditshweetso le gore go tlhoma maemo a a sa lolamang a kgaisano, ka baabi ba ditirelo ba bannye ba ka se kgone go emelela ditiro tsa mofuta o.
Ka ntlha e ka gale e le morero o o bosisi, mabaka a a latelang a ikaeletswe go thusa go gakolola mafapha ka ga dikgato tse a tshwanetseng go di tsaya mabapi le se. Ga go kgonege go baakanyetsa mafapha dikgakololo tse di tseneletseng ka botlalo mme mafapha a tshwanetse go ikgolaganya le Khomishene ya Tirelopuso go a gakolola fa a ka nna le dipelaelo tsa go rarabolola maemo a a ka tlhagelelang.
Dimpho kgotsa dilwana dingwe le dingwe tsa boleng jwa madi go tswa mo mothong ofe kgotsa ofe kgotsa setheo se se tlhokang go direlwa tiro ya semmuso, se go dirwang kgwebo le sona, kgotsa se tiro ya sona e laolwang ke mokgwa o modiredi a dirang tiro ya gagwe ka ona, di ka amogelwa fela ka tumelelo e e kwadilweng ya Tlhogo ya Lefapha.
Go botlhokwa go itse gore dimpho le mekgwa ya go tshwarwa ka makgethe motho a thenthiwa go tswa mo metsweding e mengwe kwa ntle ga ditokololo tsa ba lelapa di tshwanetse go begiwa. Dimpho le methentho e, e tshwanetse go nna tsa boleng jo bo fetang R350. Bathapiwa ba ka ikgolaganya le Khomishene ya Tirelopuso fa ba se na bonnete mabapi le go amogela dimpho.
Mothapiwa ga a dirise kgotsa a bega tshedimosetso epe ya semmuso mo mabakeng a gagwe ka sebele kgotsa a go tswela batho ba bangwe mosola.
Bathapiwa ba mo tirong ya bona ya semmuso ba bonang diphiri, sengwe sa khupamarama kgotsa tshedimosetso ya sephiri nako le nako, ga ba tshwanela go senola tshedimostse ya go nna jalo kwa ntle ga tumelelo e e kwadilweng gore ba dire jalo. Tshedimosetso ga ya tshwanela go abiwa kgotsa go dirisiwa go tswela motho ka sebele mosola kgotsa go tswela batho ba bangwe molemo kgotsa go dirisediwa go ipusulosetsa kgatlhanong le batho ba bangwe. Go botlhokwa gore bathapiwa ba sekaseke bomolemo jwa gore a go senola tshedimosetso go tla be go le mo dikgatlhegelong tsa Tirelopuso. Bathapiwa ba tshwanetse go tlhaloganya gore go direla dilo mo pepeneneng ga go tlhalose gore ba abe kgotsa ba senole tshedimosetso nngwe le nngwe fela. Ka go sa kgonege go gakolola badiredi ka botlalo gore ke tshedimosetso efe e e tshwanetseng go abelwa mang kgotsa mang, bathapiwa ba rotloediwa gore ka gale ba kope tumelelo fa ba se na bonnete ka ga morero o.
Sekai sa bo 1: Go senolwa ga mokgwa wa go tlhopha kgotsa dipotso tse di tla botsolotswang mo bakoping ba phatlhatiro ga se fela ka mokgwa o o sa siamang o o tla thusang bakopi ba bangwe, fela legale go tla nna le ditlamorago tse di sa siamang mo ditshwanelong tsa bakopi ba bangwe bao ba tshwanetseng go nna le maemo a a lekalekanang go gaisanela phatlhatiro eo.
Sekai sa bo 2: Fa mothapiwa, ka ntlha ya mofuta wa tiro ya gagwe, a na le kitso ka ga porojeke ya Mmuso o o tla tsholetsang boleng jwa kgaolo e e rileng, mothapiwa ga a tshwanela gore ka mokgwa ofe fela a dirise tshedimosetso ya go nna jalo go ikhumisa ka sebele kgotsa go humisa ba lesika kgotsa ditsala tsa gagwe.
Mothapiwa ga a dire tiro e e mo duelang kwa ntle ga tiro ya gagwe ya semmuso kgotsa go dirisa didirisiwa tsa ofisi ya gagwe go dira tiro e e jalo kwa ntle ga tumelelo
Bathapiwa ba solofetswe go dira tiro ya bona ka matsetseleko, ba dirise nako le bokogoni jwa bona mo mabakeng a Tirelopuso e e leng mothapi, ka botlalo kwa ntle ga go kgorelediwa ke sepe fela. Mokgwa le ditlhokego tsa tiro ya Tirelopuso ke tsa mofuta o dikgatlhegelo tsa Tirelopuso le tsa setšhaba di ka lomeletsegang fa modiredipuso a dira tiro e e mo duelang kwa ntle ga tiro ya gagwe ya semmuso. Ka mabaka a, go a gapeletsega gore go bonwe pele tumelelo fa modiredi a dira tiro e e mo duelang kwa ntle ga tiro ya gagwe ya semmuso.
Sekai sa bo 1: Mothapiwa o nna seoposengwe mo kgwebong. Go dirilwe thulaganyo ya gore o tshwanetse go nna kwa kgwebong eo ka nako ya diura tsa morago ga tiro fela. Ka ntlha ya mabaka a tshoganyetso, maemo a tiro ya gagwe kwa setheong sa Tirelopuso a tlhoka gore a dire tiro ya gagwe mo diureng tsa morago ga tiro. Ditlamorago tsa se, e ka nna gore a nne le go thulana ga dikgatlhegelo tsa tiro, go ngamoga tlhogo le tlhaloganyo e e aroganeng ka bogare.
Sekai sa bo 2: Ngaka ya kalafi e e thapilweng ke Mmuso kwa bookelong, ga ya tshwanela, kwa ntle ga tumelelo ya tlhogo ya lefapha, go dira tiro ya nakwana eo e e duelelwang kwa kgwebong ya ngaka e e leng tsala ya yona, le/kgotsa go dirisa didirisiwa le/kgotsa melemo ya Mmuso mo lebakeng le.
Sekai sa bo 3: Mothapiwa o dira mo tirong e nngwe morago ga diura tsa tiro ya gagwe, se se tlhalosang gore o robala masigogare. Ditlamorago tsa se ke gore modiredi yo o tlhola a lapile motshegare mme ka jalo ga a kgone go dira tiro ka maemo kgotsa bokgoni jo a solofetsweng gore a e dire ka jona. Se ga se mo dikgatlhgelong tsa Tirelopuso mme se senyetsa setšhaba madi ka mokgwa mongwe.
KGAOLO YA BO 2
MOLAWANA WA MAITSHOLO WA TIRELOPUSO
A. MAIKAELELO
A.1 Gore go kgonwe go diragadiwa mosola o o tletseng wa ditshiamelo tsa molaotheo tse di mabapi le Tirelopuso, bathapiwa botlhe ba solofetswe go tsamaelana le Molawana wa Maitsholo o o tlhalosiwang mo kgaolong e.
A.2 Molawana o tshwanetse go dirisiwa go gakolola bathapiwa gore go solofetswe eng mo go bona go tswa mo mekgweng ya maitsholo a go dira tiro, mo maitsholong a bona ka sebele le dikgolagano le batho ba bangwe. Go tsamaelana le Molawana go solofetswe go tsholetsa mokgwa wa seporofeshenale go thusa le go netefatsa boikanyego mo Tirelongpuso.
B. MATSENO
B.1 Go botlhokwa go supetsa bathapiwa tsela mabapi le dikgolagano tsa bona le kgotlatheomolao, bathati ba sepolotiki le bakhuduthamaga ba ba rweleng boikarabelo jwa diofisi, bathapiwa ba bangwe le setšhaba le go supa botho jo bathapiwa ba tshwanetseng go dira tiro ya bona ka jona, gore ba dire ka mokgwa mang go thibela gore ba se nne le thulano ya dikgatlhegelo le gore go solofetswe eng mo go bona mabapi le maitsholo a bona ka sebele mo botshelong jwa mo gare ga setšhaba kgotsa mo botshelong jwa bona ka nosi.
B.2 Le fa tota Molawana wa Maitsholo o rulagantswe ka botlalo ka fa go kgonegang ka teng, ga se melawana e e tsepameng ka botlalo le e e laolang maemo a boleng jwa maitsholo. Legale, ditlhogo tsa mafapha, go ya ka boikarabelo jwa bona go ya ka mabaka a Karolo ya bo 7 (b) ya Molao wa bokgoni le botsamaisi jwa mafapha a bona le go tshegetsa maitsholo a a siameng, mo gare ga tse dingwe, di gapeletsega gore di netefatse gore maitsholo a bathapiwa ba bona bo tsamaelana le boleng le moono o o laolang Tirelopuso le mekgwa le maemo a a laetsweng ke Molao. Ditlhogo tsa mafapha di tshwanetse gape tsa netefatsa gore badiredi ba bona ba itse melawana e, le gore ba a e amogela le go e obamela.
Maikaelelo a botlhokwa a Molawana o ke a a mosola tota, a go; rotloetsa maitsholo a go nna sekai mo setshabeng. Kwa ntle ga se, mothapiwa o tla latofalediwa maitsholo a a sa siamang e bile a ka otlhaiwa go ya ka tumallano e e kopanetsweng fa a tlola nngwe le nngwe ya ditshiamelo tsa Molawana wa Maitsholo kgotsa a palelwa ke go tsamaelana le ditshiamelo dingwe le dingwe tsa yona.
MOLAWANA WA MAITSHOLO
KGOLAGANO LE KGOTLATHEOMOLAO LE KHUDUTHAMAGA
Mothapiwa -
C.1.1 o na le boikanyego mo Rephaboliking le go tlotla Molaotheo e bile o tsamaelana le ona fa a dira tiro ya gagwe ya letsatsi le letsatsi;
C.1.2. o baya dikgatlhegelo tsa setšhaba pele fa a dira tiro ya gagwe;
C.1.3 ka boikanyego o diragatsa pholesi ya Mmuso wa letsatsi fa a dira tiro ya gagwe ya semmuso jaaka e akareditswe mo melaong yotlhe ya semmuso le dikwalwa tse dingwe;
C.1.4 o tsaya matsapa a go ithuta le go obamela melao yotlhe le ditaelo tse di tsamaelanang le melawana ya maitsholo le ditiro; le
C.1.5 o dirisana mmogo le ditheo tsa semmuso tse di tlhomilweng go ya ka mabaka a kgotlatheomolao le Molaotheo ka go rotloetsa dikgatlhegelo tsa setšhaba.
C.2 KGOLAGANO LE SETŠHABA
Mothapiwa -
C.2.1 o rotloetsa tshwaragano le maemo a boleng jwa setšhaba sa Aforika Borwa fa a dira tiro ya gagwe ya semmuso;
C.2.2 o tla direla setšhaba ka mokgwa o o sa tshokamang le o o sa tseyeng letlhakore lepe fela go rotloetsa boikanyego mo Tirelongpuso;
C.2.3 o boikobo, o a thusa e bile o botsalano go fitlhelelwa fa a dira mo gare ga setšhaba, ka dinako tsotlhe a dirisana le ditokololo tsa setšhaba e le badirisi ba ba tshwanetsweng ke go amogela tirelo ya maemo a boleng jo bo kwa godimo;
C.2.4 o tsaya tsia le go tlotla, maemo le matshwenyego a setšhaba fa a dira tiro ya gagwe ya semmuso fa go tsewa ditshweetso tse di se amang;
C.2.5 o ititeile sehuba mo tsamaong ya nako ka tirelo ya go tlhabolola le go tsholetsa Ma-Aforika Borwa otlhe;
C.2.6 ga a kgetholole kgatlhanong le tokololo epe fela ya setšhaba ka ntlha ya lotso, bong, setso sa semorafe kgotsa maemo mo setshabeng, mmala, sebopego sa bong, bogolo jwa dingwaga, bogole, bodumedi, tumelo ya sepolotiki, dikakanyo, tumelo, setso kgotsa puo ya motho;
C.2.7 ga a dirise maemo a gagwe mo Tirelongpuso go rotloetsa kgotsa go lomeletsa dikgatlhegelo tsa lekoko kgotsa dikgatlhegelo tsa setlhopha sengwe le sengwe fela;
C.2.8 o tlotla le go sireletsa seriti sa motho yo mongwe le yo mongwe mmogo le ditshwanelo tsa gagwe tse di akareditsweng mo Molaotheong; le
C.2.9 o amogela le go itse ditshwanelo tsa setšhaba tsa go fitlhelela tshedimosetso, kwa ntle ga tshedimosetso e e sireleditsweng ka molao ka totobalo.
C.3 KGOLAGANO MAGARENG GA BATHAPIWA
Mothapiwa -
C.3.1 o dirisana mmogo ka botlalo le bathapiwa ba bangwe go tsweletsa dikgatlhegelo tsa setšhaba;
C.3.2 o diragatsa ditaelo tsotlhe tse di utlwalang tse a di laelwang ke batho ba ba dumeletsweng semmuso go di laela, fa e le gore ga di kgatlhanong le ditshiamelo tsa Molaotheo le/kgotsa molao mongwe le mongwe;
C.3.3 ga a tseye letlhakore lepe le le tswelang ba lesika le ditsala tsa gagwe molemo mo mabakeng a a tsamaelanang le tiro e bile ga a ke a dirisa dithata tsa gagwe botlhaswa kgotsa a jabetsa mothapiwa yo mongwe, kgotsa a rotloediwa go dirisa dithata tsa gagwe botlhaswa;
C.3.4 o dirisa mekgwa ya ditsela tse di tshwanetseng go ntsha dingongorego tsa gagwe kgotsa go di lebisa kwa di tshwanetseng;
C.3.5 o ititeile sehuba sa go tlhabolola, go rotloetsa le go dirisa badiredi ba gagwe ka botlalo le go rotloetsa merero ya badiri le dikgolagano magareng ga badiredi;
C.3.6 o dirisana le badiredi ba bangwe ka mokgwa o o lolameng, wa seporofeshenale le ka go lekalekana, go sa kgathalesege lotso, bong, setso sa semorafe kgotsa maemo mo setshabeng, mmala, sebopego sa bong, bogolo jwa dingwaga, bogole, bodumedi, tumelo ya sepolotiki, dikakanyo, tumelo, setso kgotsa puo ya motho; le
C.3.7 ga a ikamanye le ditiro tsa makoko a sepolotiki mo lefelong la gagwe la tiro.
C.4 MOKGWA WA GO DIRA TIRO
Mothapiwa -
C.4.1 o leka go fitlhelela maikaelelo a setheo sa gagwe ka mokgwa o o seng tlhwatlhwa godimo le mo dikgatlhegelong tsa setšhaba;
C.4.2 o kgona go ikakanyetsa mokgwa wa go dira dilo fa a dira tiro ya gagwe, o batlisisa mekgwa e e manontlhotlho go rarabolola mathata le go tsholetsa bokgoni le botswerere go tsamaelana le mabaka a molao;
C.4.3 o dira tiro ya gagwe ka nako e e tshwanetseng le e e laetsweng;
C.4.4 o dira tiro ya gagwe ka mokgwa wa seporofeshenale le o o bokgoni;
C.4.5 ga a ikamanye le kgwebisano epe kgotsa dikgato tse di leng kgatlhanong le kgotsa tse di mo kgoreletsang fa a dira tiro ya gagwe;
C.4.6 o tla ikgogela morago go tswa mo dikgatong dingwe le dingwe tsa semmuso kgotsa fa go tsewa ditshweetso tse di ka dirang gore a solege molemo ka sebele e seng ka tshwanelo, mme se, mothapiwa o tshwanetse go se bega;
C.4.7 o amogela boikarabelo jwa go tsenela dithuto katiso tse di tsweletseng le go itlhabolola ka nosi mo tirong ya botshelo jwa gagwe;
C.4.8 o boikanyego le go supa boikarabelo fa a dira ka matlole a setšhaba e bile o dirisa thoto ya Tirelopuso le metswedi e mengwe ka mokgwa o o somarelang, o o bokgoni, le go di dirisetsa mabaka a semmuso a a letleletsweng;
C.4.9 o rotloetsa tsamaiso e e utlwalang, e e botswerere, e e bokgoni, e e direlwang mo pepeneneng le e boikarabelo;
C.4.10 mo tirong ya gagwe o tla begela bathati ba ba tshwanetseng ditiro tsa bogodu, go tsenya letsogo kobong, go direla ba masika molemo e se ka fa molaong, tsamaiso e e tshokameng le kgato nngwe le nngwe ya go tlola molao kgotsa e e lomeletsang dikgatlhegelo tsa setšhaba;
C.4.11 o ntsha dikgakololo tse di boikanyego le tse di sa tseyeng letlhakore la ga ope fela, go ya ka tshedimosetso yotlhe e e tshwanetseng, go bathati ba maemo a a kwa godimo fa ba mo kopa gore a ba thuse ka mabaka a a tshwanang le a; le
C.4.12 o tlotla sephiri sa khupamarama sa merero, dikwalwa le ditherisano, tse di laetsweng kgotsa tse di kayang gore ke tsa sephiri sa khupamarama.
C.5 MAITSHOLO A MODIREDI KA SEBELE LE DIKGATLHEGELO TSA GAGWE TSA PORAEVETE
Mothapiwa -
C.5.1 fa a le mo tirong ya gagwe ya semmuso, o tla apara le go itshola ka mokgwa o o tsholetsang seriti le tlotlo ya Tirelopuso;
C.5.2 o nna boikarabelo mabapi le go dirisa nnotagi kgotsa motswako mongwe le mongwe o o tswakilweng ka tagi;
C.5.3 mothapiwa ga a tshwanela, kwa ntle ga tumelelo e e kwadilweng ya Tlhogo ya Lefapha go iponna kgotsa go amogela dimpho, ditshiamelo kgotsa dilwana tse di nang le boleng jwa madi (tlhaloso le boleng le motswedi wa mpho ya boleng jo bo fetang R350), go tswa mo mothong ofe kgotsa ofe fela fa a dira tiro ya gagwe ka di ka tsewa gore ke go mo tlhatswa diatla e se ka fa molaong;
C.5.4 ga a dirise kgotsa go senola tshedimosetso nngwe le nngwe ya semmuso go mo tswela molemo kgotsa go solwa mosola ke batho ba bangwe; le
C.5.5 ga a, kwa ntle ga tetlelelo, dire tiro epe e e mo duelang e e kwa ntle ga tiro ya gagwe ya semmuso kgotsa go dirisa didirisiwa tsa ofisi mo tirong ya mofuta o.
